Breaking News

Go anama ga bolwetse jwa mabele go tshwenya barui

27 Apr 2025

Banni ba Tshimoyapula ba boletse fa ba tshwentswe ke kanamo ya bolwetse jwa mabele mo leruong.

Ba tlhalositse se, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona kwa lephateng la papadi le tlhabololo kgwebo, Rre Baratiwa Mathoothe kwa Tshimoyapula ka Labone.

Seemo se ba bolela fa se bakwa ke gore diruiwa di ja leswe la batho, le le tlogelwang gongwe le gongwe ke ba ba itiketsang mo mafulong ba bo ba sa phepafatse.

Fa a tswa la gagwe, Modulasetilo wa khansele, ya Serowe, Rre Atamelang Thaga o ne a rurifatsa seo, a tshwaela fa ba ne ba itemogela seemo se morago ga go ya go tlhola batho ba ba neng ba ile go bapala phane mo kgaolong eo.

O ne a kgala tiro ya go nna jaana a sa kgwe mathe, a bolela fa go leswafatsa tikologo go baya matshelo a batho le diphologolo mo kotsing ka go baka malwetse.

O ne a tswelela ka go lemotsha setshaba ka bodiphatsa jwa go sa phepafatseng tikologo e ba leng mo go yone ka nako tsotlhe.

Fa a tswa la gagwe, Rre Mathoothe o ne a gwetlha morafe go leka go tsenya letsogo mo go godiseng itsholelo ya lefatshe.

Rre Mathoothe o ne a supa fa puso a apeile mananeo a a diretsweng go inola Motswana mo lehumeng.

O ne a kgothatsa balemi le barui go bereka ba le seopo se le sengwe gore batle ba bone thobo e e botoka.

O ne a tswelela a fa sekai ka gore, fa balemi ba sika loo namune ba ka ikgobokanya, go ka nna motlhofo go bona moreki yo o ka rekang thobo ya bone yotlhe ka tlhwatlhwa e e fa godingwana go na le fa ba itemela ba bo ba rekisa ka bonosi.

O ne a garela ka go kopa morafe go nna ka popagano, go dira mmogo le go nna pelotelele, a bolela fa tse e le tsone di agang setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Setilo

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2025