Puso e isa ditirelo kwa bathong ke maitlamo a puso
28 Apr 2025
Molaodi wa kgaolo ya Kgatleng, Mme Kolobetso Sejakgomo a re go isa ditlamelo kwa bathong go botlhokwa, e bile ke maitlamo a magolo a puso.
O buile se kwa Ramotlabaki ka Labotlhano, fa ba maphata a puso le a a ikemetseng ka nosi a ne a dule letsholo ka ditlamelo tse di farologanyeng go di isa kwa morafeng. A re go isa ditlamelo kwa bathong go botlhokwa ka jaana se, se thusa go fokotsa mosepele go di latela kwa Mochudi a tlatsa ka gore ga se botlhe ba ba kgonang.
O boletse fa a itumelela thotloetso ya maphata ya letsatsi la go isa ditlamelo, ka jaana go sena madi a a seegetsweng kwa thoko go diragatsa seo. A re maphata a tshwana le la Omang, Dipagamo le la temo-thuo a botlhokwa ka jaana ke one a batho gantsi ba batlang ditlamelo tsa one. Mme Sejakgomo o ne a akgolela banni ba Ramotlabaki go tla ka dipalo tse di kwa godimo go tla go akola ditirelo tsa puso.
Mokhanselara wa Oliphant’s Drift /Ramotlabaki, Rre Molefe Molefe ene o boletse fa ba itumelela maiteko a ofisi ya ga molaodi a go nna ba etela batho, go ba tlhola, go itse matshwenyego a bone le go ba isetsa ditlamelo. O ne a rotloetsa banni go isa matshwenyego kwa bodireding. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Ramotlabaki
Event : Phuthego
Date : 28 Apr 2025