Breaking News

Ngwana o thudilwe ke koloi

29 Apr 2025

Mapodisi a Tsabong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana wa dingwaga tse di lesome le bone a thudilweng ke koloi.

Go ya ka mogolwane wa mapodisi a pharakano kwa Tsabong, Assistant Superintendent Johnson Gaolaolwe mo potsolosong maabane, mapodisi ba ne ba begelwa tiragalo eo mme ba ragogela kwa tiragalo e diragetseng teng.

O supile fa tiragalo e e diragetse kwa Omaweneno mo kgaolong ya Tsabong kgwedi eno e le masome a mabedi le bone mo tseleng ya A20 (Tsabong – Gaborone). Rre Gaolaolwe o tlhalositse fa mapodisi ba ne ba feta ba ragosetsa ngwana kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse.

O ne a supa fa mokgweetsi wa koloi ya Toyota Land Cruizer ya lephata la botsogo a ne a thula ngwana wa mosimanyana jaaka a ne a leka go kgabaganya tsela fa gare ga motse ka nako ya motshegare mo motseng oo.

Rre Gaolaolwe o tlhalositse fa mokgweetsi wa koloi eo a thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo. Rre Gaolaolwe o rile go ya ka bongaka, moswi o bone dikgobalo tse di masisi mo tlhogong mme mo nakong ya gompieno serepa se santse se le mo setsidifatsing kwa Tsabong.

O boletse fa e tlaa  re mo bogaufing serepa se romelwe kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka, fa ditlhotlhomiso tsone di sa ntse di tsweletse.

Rre Gaolalolwe o ne a gakolola bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe le gone go bula matlho ka go ela tlhoka batsamaya ka dinao fa ba kgabaganya tsela ba akaretsa bagodi, ba-na- le bogole, bana le ba bangwe go hema ditiragalo tsa mofuta oo.

O ne a gape a gakolola batsadi le batlhokomedi ba bana le setshaba ka kakaretso go tlhomamisa gore ka nako tsotlhe bana ba sireletsegile bogolo jang mo malwapeng aa gaufi le tsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Omaweneno

Event : Potsolotso

Date : 29 Apr 2025