Bo maipaafela ba golela pele kwa Mmadinare
27 Apr 2025
Mothusa modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Mmadinare Rre Alex Gaosekelwe o tlhalositse fa lekgotla le aperwe ke dikgang tsa bo maipaafela.
Rre Gaosekelwe o buile se kwa bokopanong jo boneng bo rulagantswe ke mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Ketlhalefile Motshegwa ka Labotlhano.
O tlhalositse fa kgang ya bo maipaafela segolo jang e e amang masimo e tswa kgakala ka bangwe ba bone ba tlhalositse fa ba sa le ba ntse kwa mafelong ao pele ga moepo wa BCL o bulwa.
O kaile fa seemo se ne sa bifela pele morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL, Rre Gaosekelwe o tlhalositse fa bangwe ba sa le ba tseetswe masimo mme ba solofediwa go neelwa madi a bone mme nako kgolo ke eno.
Mothusa modulasetilo o ne a tlhalosa fa ba ne ba sala morago dikgang tse, mme tsa felela di fetiseditswe kwa lekgotleng le letona la kabo ditsha la Ngwato, a re le mo nakong ya gompieno ga di ise di bone tharabololo.
Rre Gaosekelwe o ne a tswelela a tlhalosa fa se se dirile kgotlhang magareng ga lekgotla la kabo ditsha la Mmadinare le batho ba kgaolo ya Mmadinare.
Mo go tse dingwe Rre Gaosekelwe o boletse fa melao ya kabo ya lefatshe e setse e siilwe ke nako mme e tlhoka go tlhodumelwa sesha.
O ne a fa sekai ka sekgele sa go bewa ga didiba kwa merakeng, a tlhalosa fa go sa tlhole go na le lefatshe le le lekaneng gore batho ba kgone go bewa.
Rre Gaosekelwe o ne a re go botlhokwa gore selekanyo sa dikhilomethara tse thataro tsa go bewa ga didiba se fokodiwe gore ba bangwe ba kgone go nna le sebaka sa go bona didiba.
O tlhalositse fa puso e tswa ka mananeo a mantle a a ka sologelang Batswana mosola mme a paledisiwa ke melao ya kabo ya lefatshe.
E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Motshegwa yo e bileng e le tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, a tlhalosa fa a itse ka dikgang tsa bo maipaafela segolo jang ba kgaolo ya Nkgobotwana.
Rre Motshegwa o boletse fa a setse a kile a kopana le mothusa tona wa Lefatshe le temo thuo Dr Edwin Dikoloti go thusana go tswa ka ditharabololo.
O kaile fa go le botlhokwa gore go duwe ka ditharabololo go neela setshaba dikarabo ka nako le ntswa gongwe di ka se ke di ba tsee sentle.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa banni ba Mmadinare le Selebi Phikwe ba santse ba le dipelo di botlhoko ka ba tlhalosa fa ba ne ba tseelwa masimo mme ba sa boelwa ke sepe.
O tsweletse a bolelela banni fa go le botlhokwa gore morafe o nne le dipoelo mo dikomponeng tse di dirang ditiro kwa mafelong a bone.
Le fa go ntse jalo, Rre Motshegwa o ne a solofetsa bodiredi jwa Mmadinare sub-Land Board fa a utlwile matshwenyego a bone mme a ba solofetsa fa a tlaa a kopanela le ba ba maleba go tswa ka ditharabololo.
Rre Motshegwa o ne a abela sekolo se segolwane sa Makome kwa Mmadinare ditilo di le masome a mane le botlhano. ENDS
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Mmadinare
Event : Bokopano jwa kabo ditsha
Date : 27 Apr 2025