Breaking News

Go saila ga ditlou mo metseng go borai

29 Apr 2025

Mookamela mapodisi a Maun, Superintendent Joseph Lepodise o gwetlhile banni ba kgaolo ya Bokone Bophirima go nna podimatseba ka jaana diphologolo tse di borai jaaka ditlou di saila gongwe le gongwe.

O buile jalo mo potsolotsong a supa fa mapodisi a koo a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre wa dingwaga tse di masome a supa le bosupa wa moraka wa Dikgatlhong, gaufi le Maun a fitlhetsweng a rapaletse fa thoko ga tsela morago ga go tlhaselwa ke ditlou. A re ba ne ba amogela pego mo mosong ka Tshipi ka rre mongwe yo o kaileng fa a ne a bona motho a rapaletse fa thoko ga tsela mme a mo atumela ka maikaelelo a go mo thusa.

Superintendent Lepodise a re e ne ya re a bona rre yoo a sa tshikhinyege a itsese mapodisi mme ba ragogela koo. Ya re go gorogeng ba fitlhela motlhala wa ditlou mme ba belaela rre yoo a bolailwe ke ditlou ka jaana a ne a robegile dikgopo.

A re ba ne ba mo isa kwa kokelong ya Letsholathebe kwa ba bongaka ba neng ba rurifatsa fa a tlhokafetse, a tlatsa ka go re serepa se kwa kokelong go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso di tsweletse. O boletse gape fa ba kgonne go itsese ba masika a moswi ka tiragalo eo.

Le fa go ntse jalo, Superintendent Lepodise o gateletse botlhokwa jwa banni go nna kelelelo fa ba tsamaya mo nageng le gone go fokotsa mesepele ya bosigo ka jaana e baya matshelo a bone mo diphatseng.

A re metsamao ya diphologolo e oketsegile morago ga dipula tsa bosheng, a supa fa di saila bosigo le motshegare di batla phulo le metsi mme a gwetlha ba ba nnang kwa merakeng go tsamaya ba ntshitse matlho dikgapheng ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 29 Apr 2025