Tona o akgola BAGS
29 Apr 2025
Tona wa Metsi Le Bonno, Rre Onneetse Ramogapi o akgoletse ba Botswana Acapella Gospel Singers (BAGS) Forum go bo ba tlotlomatsa moopelo o o kgethegileng o o opelwang ka molodi go sena diletswa.
Fa a bula semmuso bokopano jwa ngwaga le ngwaga jwa moopelo jwa mokgatlho wa BAGS bosheng, Rre Ramogapi a re moopelo o botlhokwa mo botshelong jwa motho ka o aga e bile o tsosolosa mowa gape o kgothatsa. A re malatsi ano moopelo o ka tlhabolola botshelo jwa motho.
Tona Ramogapi a re moopelo wa kereke ya Sabata o na le kgogedi e bile o ka sokolola batho. O rotloeditse ba BAGS go gogela banana kwa moopelong gore ba atamele kwa Modimong le go ba ntsha ko mmebileng. A re puso e tshwanetse ya dira gole gontsi go ema mekgatlho e tshwana wa BAGS nokeng gore seabe sa o ne se bonale mo setshabeng.
Rre Ramogapi a re puso e tlaa tswelela e lemoga seabe sa kereke mo go ageng lefatshe leno ka jalo ba tlaa tswelela ka go ema dikereke nokeng. O ne gape a ba gwetlha go tswelela ka mowa wa go ipelega ka ba supile fa mokgatlho wa bone o sa dire dipoelo dipe, maloko a dirisa madi a bone go dira tiro e.
Rre Ramogapi a re mo nakong e lefatshe le tlhakatlhakaneng e go tlhoka batho ba ba tshwanang le ba BAGS ba ba galaletsang Modimo ka kopelo ka jaana pina ena le maatla a go fetola seemo. A re keletso ke go bona ditlhopha tsa BAGS di gatisa moopelo wa tsone gore o aname o tle o gogele batho kwa modimong.
O ba rotloeditse go tswelela ba opelela Morena ka matsetseleko le matlhagatlhaga ka gore bogosi jwa legodimo bo atametse. A re o itumedisiwa thata ke go lemoga gore ditlhopha tsa BAGS Forum di akareditse basha le bagolo a tlholosa fa se se tlaa godisa mokgatlho goya pele.
Fa a amogela baeng, Kgosi wa Palapye Kgosi Martha Lebang o kopile ba mokgatlho wa BAGS go isa moopelo wa bone kwa setshabeng ka jaana o nonofile go ka gogela batho kwa kerekeng.
Kgosi Lebang a re moopelo wa bone o na le molodi o monate a tlhalosa gore o ka ntsha banana mo mekgwatheng. A re moopelo o ntsha bodutu gape o ka tsisa dipoelo a tlhalosa gore o na le bokao o a gomotsa gape ke thapelo.
Modulasetilo wa mokgatlho wa BAGS Rre Letsogile Ledimo a re mokgatlho wa bone o simolotse ka 2000. Rre Ledimo a re mokgatlho wa BAGS ga o dire dipoelo, maloko a ntsha madi go tsamaisa mokgatlho. A re maikaelelo ke go tshwara bokopano ngwaga le ngwaga mo mafelong a farologanyeng lefatshe leno ka bophara.
Se sengwe gape o tlhalositse fa ba ne ba ipelela tiro e ba e dirang ya go rera lefoko la Modimo ka Kopelo le gone go tsosolosa moopelo wa bone. Rre Ledimo a re moopelo ke tiro e e neelang motho tsholofelo ka lefoko la Modimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Pulo semmuso
Date : 29 Apr 2025