Breaking News

Maranyane a tlhabolola itsholelo le matshelo

28 Apr 2025

Mothusa tona wa Lephata la Ditlhaeletsanyo le Botlhami, Rre Shaun Ntlhaile, o kopile Batswana go inaakanya le tiriso ya maranyane fa ba tlhoka thuso ya maphata a puso.

A re se se ka ba fokoletsa ditshenyegelo le mosepele go ya diofising go ya go kopa thuso mme fa gongwe ba boe ntle le go bona se ba neng ba se etse. Rre Ntlhaile o ntshitse kgakololo e fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Serowe ka Labotlhano, kwa a nankotseng diphetogo tse lephata le tsweletseng natso di akaretsa go tsenya ditirelo tsa maphata a puso mo maranyaneng.

A re go inaakanya le maranyane go ka thusa le ba ba kgakala le diofisi, go kopa dithuso tsa maphata le go duela ditirelo dingwe. O ba solofeditse gore lephata la Ditlhaeletsanyo le Botlhami le tsile go tsenya maranyane a maemo a a kwa godimo a sireletsegile e bile a ikanyega gore Batswana ba thusege ka bonako.

Rre Ntlhaile a re boranyane jwa go gokela diromamowa bo tlaa atolosiwa gore di tshware gongwe le gongwe mme megala le yone e tshware kwa masimong le kwa merakeng. O boletse fa maranyane a gompieno a puso e tsileng go a tsenya, a tlaa bo a sireletsegile ka gore le diphiri tsa batho di tsile go sireletsega, ka go dirilwe melawana e e laolang tiriso.

A re puso e mo lenaneong la go dira gore motho a itekodise fa a sa tsoga, a dirisa maranyane, e re go tswa foo, a isediwa melemo go diriswa drone. Rre Ntlhaile a re maranyane a ka godisa itsholelo go sena tsietso epe a tlatsa ka gore maikaelelo ke go direla bagodi dikarata tsa poso tse di tlaa ba kgontshang go dirisa ATM go na le go sukagana kwa diposong.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo e tona kwa Serowe, Rre Moses Monthe o boletse fa a ngongorega ka ditlhabololo tsa Serowe a re, ditsela tse di fa gare ga motse di epegile le mesele ya kgopho ya metsi a pula e tshwanetse ya baakangwa go laola metsi.

Rre Monthe a re Serowe o lekanwe ke go nna le sekole se se golwane sa bobedi, sa selekanyo sa se se teng sa Swaneng. A re Swaneng o fekeediwa ke dipalo tsa bana mo bangwe ba isiwang kgakala le batsadi. O boletse fa lekgotla la ga mmakaseterata kwa Serowe le sa sireletsega ka ntlha ya diofisi tse di makgasa.

Fa ba mo kgwa dikgaba, banni le bone ba kaile fa ditsela di le maswe fela thata. Rre Zeco Moloi o kopile go re go nne le dikomiti tse di elang tlhoko tshenyetso setshaba di na le maloko a a tswang mo morafeng. A re go tlhatswa madi go a tshwenya mo Botswana, a re madirelo a bojanala a tlhodumelwe thata. Rre Oagile Moikwathai o kopile gore masimo le meraka e atumeletswe maranyane ka gore nako e ntsi ba nna koo, mme le bone ba lekodisane le ba masika kwa gae.

Mopalamete wa Serowe Bophirima, Rre Onalepelo Kedikilwe o kaile fa kgaolo ya gagwe e na le bontsi jo bo santseng bo le kwa morago ka maranyane. A re bangwe ga ba na megala ya lotheka e bile bangwe ga ba itse le tiriso ya one. Ka jalo a kopa gore  ba seka ba lebalwa ka gore ke batho fela ga ba na ditsompelo tsa go latela ditlamelo kwa Serowe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Apr 2025