Mosadi thari ya setshaba-Chombo
27 Apr 2025
Tona wa Lephata la Banana le Bong, Mme Lesego Chombo a re dikgwetlho tsa bomme di boima ebile di dintsi.
O buile jaana kwa bokopanong jwa bomme le basetsana kwa Ga-Setsile jo bo neng bo tsenwe ke batsaya karolo go tswa kwa Mahalapye le metsana e e mo tikologong jaaka Dovedale, Taupye, Kudumatse le Mokoswane.
Mme Chombo a re bomme ke thari ya setshaba, ka jalo go botlhokwa gore setshaba se sekaseke ka fa bomme le bana ba tshedisiwang ka teng mo malwapeng.
O gwetlhile borre go tsaya karolo mo go sireletseng bomme le bana kgatlhanong le kgokgontsho a tswelela ka go supa fa dipalo tsa kgokgontsho ya bomme le bana di tsitsibanya mmele.
A re bomme le basetsana ba a thubediwa, ba a bolawa mme gape ba tshubelwa mo mantlong.
Tona a re Mahalapye o mo maemong a borobabongwe mo Botswana fa go tla mo go tsa kgokgontsho.
A tswelela a re mo lekgolong, masome mane le bobedi ke palo ya bomme e e kgokgontshiwang lefatshe lotlhe ka bophara mme ebile mo lekgolong, lesome le borobabongwe e le palo ya bomme ba ba kgokgontshang.
A re go botlhokwa go tshela ka kagiso le thokgamo ka kgokgontsho e ama mongwe le mongwe.
Tona Chombo o rotloeditse setshaba go tsibogela seemo se, ka se supa fa bomme ba tshela ka tshakgalo.
A re ngwao ga e sa tlhole e salwa morago, mme go lebega le yone e ne e sa tlhalosiwe sentle ka bomme bontsi ba tle ba bue fa ba rutiwa go bipa dikgang tsa malwapa a bone.
O gakolotse gore go bipa ga go tewe go bipa gotlhe le dikgang tsa kgokgontsho, mme ebile o rotloeditse bogosi go tshwaraganela dithuto tsa ngwao le morafe gore dikgang tsa kgokgontsho di fokotsege.
A re lefatshe la Botswana le itebagantse le kgokgontsho ya bomme le bana, ka go lemotshega ba arametse mogote wa kgokgontsho ya mo malwapeng.
Tona Chombo o supile gore dikgang tsa kgokgontsho di tsala ditlamorago tse di ngomolang pelo di tshwana le malwetsi a tlhaloganyo, bogole le tse dingwe.
O akgoletse maphata a a ikgobokantseng go lwantsha dkgokgontsho.
O rotloeditse batsadi go ruta bana ba bone ba basetsana go ithata le go itsaya tsia a re thuto ga ya tshwanela go felela kwa dikoleng mme le kwa malwapeng batsadi ba na le sebaka sa go ka ruta bana go itshireletsa.
Tona Chombo a re thuto e ka ntsha bana mo diphatseng tsa go felela ba dirisiwa botlhaswa le go ka tila go nna mo botsalanong jo ba kgokgontshiwang mo go jone fa ba itse boleng jwa bone.
Mme Chombo a re batsadi ba tshwanetse go rotloetsa bana go tsena dikole ba iperekela ka thuto e le mpho e ba ka sekeng ba e tseelwe ke ope. A rotloetsa thata gore bana ba basetsana ba seka ba kgorelediwa go ithutuntshetsa ditiro tse go golwang go itsewe e le tsa borre fela jaaka tsa motlakase, kago le tse dingwe.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Setsile
Event : Interview
Date : 27 Apr 2025