Bolokang kwa posong
24 Apr 2025
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere yo gape e leng Tona wa Ditlhaeletsano le Botlhami, o rotloeditse bagodi go inaakanya le go dirisa mabolokelo a poso go ipeela madi a bone a dikamogelo.
O boletse se fa a buisa phuthego kwa kgotleng ya Madiba kwa Mahalapye ka Mosupulogo.
A re se, se ka ba thusa go hema bogotswana ka jaana ba setse ba itse gore madi a bagodi a okeditswe go tswa kwa go P830 go ya ko go P1 400.
A re mo dinakong tsa segompieno, go dirisiwa maranyane thata go ipeela madi mme ebile lephata la gagwe la Ditlhaeletsano le Botlhami le sekaseka gore madi a ka goroga jang kwa go bone ka pabalesego.
Rre Tshere a re thulaganyo e tlaa dirwa go bona gore go ka dirwa jang go dirisa maranyane a a motlhofo go itsa go amogwa madi.
O tsweletse ka go re o itumelela gore bagodi ba amogetse koketso e ka jaana fa a ntse a buisa diphuthego, menyenyo ya bagolo e tlhwatswa pelo mme e le selo se se ntle thata ka se supa boitumelo.
Fa a bua kwa phuthegong eo, Kgosi wa Madiba Rre Sonny Mereyotlhe o kopile khansele ya Mahalapye go sekaseka kgang ya dikgomo tsa matimela a supa fa morafe o sokola go bona dikgomo tsa bone tse di timetseng.
A re go le pele, barui ba ne ba itse gore ba reetsa thulaganyo ya matimela kgotsa ba ya go tlhola dikgomo tsa bone kwa khanseleng fa ba sa di bone mo sekgweng.
Rre Mereyotlhe a re barui ba tlelwa ke boitlhobogo ka jaana ba sa tlhole ba itse gore a ba timelelwa ke dikgomo kgotsa ba di amogwa ke magodu, mme ebile dikgetsi tsa bogodu di setse di keketse mo merakeng ya bone.
A re barui le bone ba ne ba thusa ka go isa dikgomo tse di timeletseng mo merakeng ya bone kwa khanseleng.
A re khansele e tlaa bo gape e fokoleditse ba sepodisi morwalo ka go phutha matimela a, mme ba kgona go itebaganya le dikgang tse dingwe.
Mokwaledi wa khansele ya Mahalapye, Mme Gomolemo Moepeng, fa aa kgwa Kgosi dikgaba, o boletse fa lenaneo la matimela le santse le emisitswe ka ntlha ya letlhoko la madi.
A tswelela ka go supa fa ba tlaa tlhatlosa mosepele ka ba setse ba filwe madi, mme seemo se tlaa boela mannong ka go phutha matimela.
Monni wa kgotla ya Madiba, Rre Dimpho Makoba, o ngongoregile ka dikgwebo potlana tsa batswakwa ba ba senang dipampipri kgotsa teseletso ya go nna mo lefatsheng la Botswana.
A re batswakwa ba setse ba tletse gongwe le gongwe mme ebile ba sa kgalemelesege ka jaana dikgwebo tse di seegetsweng Batswana di setse di dirwa ke bone.
Assistant Superintendent Moffat Seokanyane wa sepodisi sa Botswana a re ba leka ka bojotlhe go tshwara batswakwa ba ba busetsa kwa mafatsheng a bone mme ba bowa ba tlola melolwane ba boela mo Botswana ba sena dipampiri.
Rre Seokanyane a re se ba se itemogetseng ke gore Batswana le bone ba thapa batswakwa a bo ba ba duela dituelo tse di kwa tlase mme ebile ba ba fitlha mo matlong a bone, kwa masimong le kwa merakeng gore ba ba berekele.
O rotloeditse morafe go ba thusa ka kgang e gore Batswana ba tle ba kgone go bereka le go bula dikgwebo ka tshosologo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Apr 2025