Letlhoko la madi le ama ba kabo ditsha
24 Apr 2025
Lekgotla la kabo ditsha la Ngwaketse le lela ka ditirelo tse di saletseng kwa morago ka ntlha ya letlhoko la madi.
Mokwaledi wa lekgotla, Rre Godiramang Moepeng o supile fa makgotla a mabotlana a kabo ditsha a a welang ka fa tlase ga la Ngwaketse a tlhoka gore a dire ditogamaano tse di tlaa thusang go isa ditlamelo kwa setshabeng go sa kgathalesege gore seemo sa madi ke se se ntseng jang.
“Mo dikgweding tse tharo tse di sa tswang go feta, bogolo jang ka kgwedi ya Mopitlo, lekgotla le ne la amogela madi a dithuso a a sa busiweng go setse go le thari,” Rre Moepeng a supa a bo a tlhalosa fa se, se ama ditsamaiso tsa lephata.
A re le fa seemo se ntse jalo, lekgotla le tshwanetse go dira ka natla go itumedisa setshaba, bogolo jang mo dikgweding tse pedi tse di tlang ka jaana madi a setlha sa ntlha a setse a bonetse.
O supile fa dikoloi tsa lekgotla di sa itekanela ebile bontsi jwa tsone di se mo tirisong, fa dingwe di ka se tshephiwe go dirisiwa. Bothata jo, ba bo tshwere le ka dibalamakgolo.
Rre Moepeng o tladitse ka gore dikago tsa bodiredi le matlo di onetse, mme a kopa le go rotloetsa badiri ba lephata go tia le go tshwara ka thata ba bo ba nne ka tsholofelo ya gore seemo se tlaa tokafala.
O tlhagisittse makgotlana a kabo ditsha ka dikgang tse di sa ntseng di eme jaaka dikgotlhang le ditsheko tsa lefatshe, mme a kopa botlhe gore ba dire maiteko a go di fokotsa.
A re go mo pontsheng gore setshaba ga se itumelele lekgotla la kaboditsha le go ntsha maduo ga lone.
“Lekgotla le tshwanetse go dira maiteko a go busetsa tshepho le tlhompho ya setshaba le ntswa dikgwetlho di le teng,” Rre Moepeng a gakolola. A re lekgotla le tlaa tshwanelwa ke go nna kelotlhoko ka tiriso ya madi. ENDS
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Apr 2025