Breaking News

Motlhware wa ga Kgosi Makaba II o tshwere ditso

23 Apr 2025

Kwa kgotleng yoo Sebako kwa Kanye, go fitlhelwa setlhare sa motlhware se go bolelwang se le dingwaga di ka tshwara  lekgolo le masome a mararo.

Setlhare se, se amanngwa le ditso tsa magosi a ga Ngwaketse.  

Go ya ka Kgosi Dikgageng Sebati, Kgosi Makaba II o ne a tla a tswa kwa Motsenekatse go bapa le Molapowabojang, mme a thibelela ka kwa Pitsaneng fa a goroga, go bapa le kwa kgotleng ya ga Sebako.

Go tswa Pitsaneng, go bolelwa Kgosi Makaba a ne a tla go tsena kwa ga Sebako, kwa motlhware o o leng teng. 

Kgosi Sebati o supa fa Kgosi Makaba a ne a ya go nna gape le kwa Ga Modutlwa.

Kgosis Sebati a re kwa ga Modutlwa, go bolelwa fa Kgosi Makaba II a ne a fitlhelwa ke Moruti David Livingstone teng, a agile le morafe mo gare ga matlhware a mantsi. 

Go bolelwa fa Livigstone a ne a mmotsa gore ke eng a rata go nna mo gare ga matlhware, mme karabo ya ga Kgosi Makaba II ya nna gore motlhware ke setlhare se se moriti  thata go ka nna mo go sone.

“Kwa GaSebako ke gone kwa go duleng booraSebego le boRatshosa e leng bana ba ga Kgosi Makaba II.  

Sebego o ne a le motona a le ka fa tlase ga ga Kgosi Seepapitso I,” ga tlhalosa Kgosi Sebati.

A re go ne go le ngwana wa ga Tshosa a bidiwa Senthufe, yo o neng a ntshiwa go ya go dira motse oo raTshosa kwa goora Sebego go ya go tshwara kgotla ka jaana Tshosa ene ka nako eo a ne a seyo. 

Go ya ka Kgosi Sebati, motlhware fa o medileng teng mo kgotleng, go na le mokgalo le morobe.

A re bokao ja mokgalo ke gore ke sengwe sa ditso tsa Bangwaketse, jaaka ba itsege ka  puo e e reng “ba ga mokgalo o thebe”. 

Ke gore mokgalo o amanngwa le tshireletsego ya morafe, o supile gore go dumelwa fa mokgalo o seke o rathwa ke tladi ka jalo ba  leba mokgalo e le thebe ya setshaba. 

Morobe le mokgalo tse di medileng mo thitong ya motlhware, go ya ka Kgosi Sebati, ke bokao ja gore Kgosi ga a ke a tsamaya a le nosi o na le morafe, ka jalo mokgalo le morobe di kaya kgolo ya morafe fa  motlhware one o tsere maemo a ga kgosi.

Mogolwane e bile e le moitseanape wa tlhokomelo ya Matlotlo a di-tsa Tlholego le Ngwao mo kgaolong ya Borwa, Rre Louis Moroka, o tlhalositse mo potsolotsong fa ba lephata la gagwe ba itsile ka setlhare sa motlhware wa ga Makaba II mo ngwageng o o fetileng.

 “Ga re na lenaneo lepe kgotsa dipatlisiso dipe ka motlhware wa ga Makaba II”, ga tlhalosa Rre Moroka. 

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa go ya ka molao wa tshomarelo matlotlo a di-tsa tlholego, go tlhokega gore ka tetla ya morafe, setlhare seo se kwadisiwe gore se sirelediwe. 

A re go dira jalo ke go lemoga ditso le botlhokwa jwa sone mo morafeng gammogo le go se sireletsa ka sena le bokao jo bogolo mo morafeng. O ne a gakolola gore fa go na le morafe ope o o nang le matlotlo a di-tsa tlholego mo metseng ya bone ba ikopanye le ba offisi ya tshireletso ya matlotlo a di-tsa tlholego.  ENDS

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Potsoloso

Date : 23 Apr 2025