Mapodisi a Ghanzi a lebogela maitshola a mantle
23 Apr 2025
E re ka e le tlwaelo gore malatsi a boitapoloso a na le go farafariwa ke dikgwetlho di tshwana le dikotsi tsa tsela le melato e mengwe, ba sepodisi sa kgaolo tsa Ghanzi le Charleshill ba akgotse setshaba gore mo malatsing a Paseka ya monongwaga, kgaolo e ne e robaletswe ke ditlhokwa.
Mo potsolotsong le BOPA, Mookamela mapodisi a District No.6, Senior Superintendent Thari Senwelo, a re ba lebogela maitsholo a mantle a setshaba se a supileng ka malatsi a Paseka.
A re malatsi pele ga Paseka ba ne ba tshwaragana le makalana a mangwe, mme ba bolotsa letsholo ka go etela marekisetso ka go farologana go tlhodumela seemo sa diteseletso le tsone dithoto tse di rekisiwang gore ke tse di letlelelwang.
A re mo letsholong leo, ba ne ba dira dikganedi tsa tsela go ruta badirisi ba tsela ka botlhokwa jwa ipabalelo tseleng, jaaka ba tlaa bo ba pegile setshaba go tsaya maeto go ya kwa mafelong a farologanyeng.
Senior Supt Senwelo a re ba ne ba etela le dikereke go anamisa molaetsa wa ipabalelo tseleng jaaka bontsi bo ne bo etela kwa mafelong a a kwa ntle ga Ghanzi go ya kobamelong koo.
Le fa go le jalo, o ne a tlhalosa fa ka Matlhatso, ba ne ba tshwara basimane ba le bane ba ba tlholegang kwa Moshupa morago ga go fitlhelwa ka mophuthelwana wa setlhatshana se go belaesegang e le motokwane se se ka tshwarang bokete jwa 80g.
A re basimane bao, ba tshwerwe ka nako ya fa mapodisi ba ne ba raletse motse ba ntse ba emisa batho ba ba phuruphutsha mme a tlhalosa fa bone joo, bo ne bo le mo mosepeleng go fetela kwa Ukhwi kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone.
A re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse ka jaana ba tshwere phage ka mangana go batlisisa le go phatlalatsa digongwana tse go belaelwang ba gweba ka setlhatshana seo le ditagi dingwe.
O ne a gwetlha batsadi go ela bana ba bone tlhoko gore ba se inaakanye le tiriso le thekiso ya ditagi ka di ama botsogo le bokamoso jwa bone.
Senior Supt Senwelo o ne a gwetlha setshaba go tswelela ka mowa wa tirisanyo mmogo mo ditseleng le gone go diragatsa mananeo a mangwe a itshireletso a bo ntebele ke go lebele ka jaana a supile a na le maduo mo go fokotseng dikgetsi tsa borukutlhi.
Ba molelwane wa Mamuno bone ba supile fa ba ne ba itemogela mesepele e mentsi malatsi a le mararo pele ga Paseka.
Mme Ntlafalo Kgabanyane o ne a tlhalosa fa ba gatisitse dipalo di feta 4 000 mo malatsing ao, ka jaana bangwe ba ne ba fetela kwa Zimbabwe le South Africa go ya Pasekeng fa bangwe ba ne ba kgabaganyetsa kwa Namibia go ya go iphokisa phefo.
Le fa go le jalo, Mme Kgabanyane o ne a tlhalosa fa ba ne ba seka ba kopana le makgwere ape kwa ntle ga go itemogela dikgetsi di le pedi tsa batsadi ba ba neng ba sa tshola dibukana tsa mesepele tsa bana ka maikaeleo a go dirisa setlankana sa matsalo.
O ne a gatelela fa bana bao, ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabongwe ba dirisa bukana tsa mesepele e seng setlankana sa matsalo.
O ne gape a gwetlha batsadi go itshwaraganya le ba ofisi ya mesepele pele ba simolola maeto go rurifatsa tse di tlhokafalang kwa molelwaneng go itsa madiadia ka nako ya mesepele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Ghanzi
Event : Potsolotso
Date : 23 Apr 2025