Letamo la Mooko le thusa barui
23 Apr 2025
Botlhokwa jwa go epa matamo kwa merakeng le masimo bo bonala thata ka nako tsa leuba, go nosa leruo.
Mo malobeng, barui ba ne ba ithaopa go epa matamo mo dithoteng tsa bone, gore ka nako tsa pula ba boloke metsi a a tlaa ba thusang fa pula e seyo.
Go ne go thusa gape gore leruo le seka la phatlalala le le mo letsomong la metsi.
Kwa kgaolong ya Serowe Borwa, lengwe la matamo ke la Mooko kwa merakeng ya Mookong, le le epilwng ke barui ba meraka eo, ba thusiwa ke Lephata la Temo-Thuo la kepo ya matamo.
Barui ba meraka ya Mooko, ba ipela ka letamo le, le le tshwarang metsi go fitlha pula e phaila.
Ba re ba tlhoka phulo ka nako tsa leuba mme metsi o ne, ke maphatshaphatsha.
Mo dipuisanong bosheng kwa morakeng oo, modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Mosenyi Mosenyi, o kaile fa ngogola ba ne ba latlhegelwa ke leruo ka ntlha ya leuba bogolo jang go tlhoka phulo.
Rre Mosenyi o boletse fa letamo le oka leruo ka bontsi go tswa kwa dikgaolong tse dingwe, go balelwa le matimela.
A re le fa letamo le ageletswe, le kgona go tlhatsetsa kwa ntle ebile le kgona go tsitla, metsi a tswele kwa ntle mme go bake dikgomo go tla go nwa koo.
Rre Mosenyi a re matimela a baka magodi a leruo a a felelang a a utswa le dikgomo tsa bone, mme gape matimela a tlhagela mo tamong a baka tshenyo.
Morui, Rre Kereng Kelebeile e ne o kaile fa go le bonya gore mapodisi ba ba thuse fa ba bega bogodu jwa leruo ka gore ga gona ditsela.
Mogolwane wa mapodisi kwa Serowe, Assistant Superintendent Eric Dambe, o kaile fa barui ba Mooko ba itse magodu a leruo ebile bangwe e le bana ba bone mme ba bipa mpa ka mabele.
O gakolotse komiti ya leruo go nna seopo sengwe ba lwantshe borukutlhi jwa leruo kwa merakeng, ba nne le komiti ya ntebela ke go lebele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 23 Apr 2025