Breaking News

Ba tlaa dika ba orile wa mariga

22 Apr 2025

Mookamela balemisi ba kgaolo ya Kanye, Mme Kelebonye Bareeleng, a re monongwaga kgaolo e lemile go utlwala mme tsholofelo ke gore thobo e tlaa nna e e nametsang.

Mme Bareeleng o tlhaloseditse BOPA fa ngogola temo e ne e le kwa tlase ka seelo sa 50 per cent kwa kgaolong mme dipalo di ile kwa godimo.

A re ngogola balemi ba ne ba lemile boleme jwa 3 600 hectares ka lebaka la pula e e boutsana mme monongwaga belemi ba le 1 471 ba lemile go feta 5 000 hectares, go akarediwa ba ba botlana le ba ba lemelang thekiso. 

Mme Bareeleng a re go solofetswe gore balemi ba ba botlana fa ba sa roba sepe, ba robe selekanyo sa tone e le nngwe, kana dikgetsi di le masome a mabedi tsa 50kg tsa mmidi, selo se bontsi jwa balemi ba kgaolo ba tlotlileng go se lema. 

Mo baleming ba thekiso, tsholofelo ke gore molemi a ntshe selekanyo sa ditone di le nne, fa a re ga a a roba.

O tlhalositse fa thobo e ka amiwa ke gore e ne ya re bosheng, balemi ba kgaolo ba tlhaselwa ke seboko sa segopa, mme seo, se amile boleme jwa selekanyo sa diekere di le 28.1 mme dijwalo dingwe di ne tsa kgona go gola fa bangwe ba ne ba lemolola ba lema gape mme bangwe ba bone ba itlhoboga ka mabaka a ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa temo.

Mme Bareeleng a re balemi ba kgaolo ya Kanye ba lemile mmidi ba le bantsi mo selekanyong sa diekere di le 4 179 fa mabele o ne ba lemile selekanyo sa tse 15. 

O rotloeditse balemi ba kgaolo go inaakanya le go lema mabele le lebelebele ka di kgona go itshwarelela mo dipakeng tsa leuba le mo seemong sa phetogo ya loapi se se amileng mafatshe otlhe.

Kgosi Naledi Ramotswaiso wa Lotlhakane le ene o supile fa temo e le teng mme ebile thobo e tlaa nametsa. 

A re ba ba lemileng go le pele ba tlaa bona sengwe mme ba temo ya morago ba ka nna ba tswa ba iphotlhere ka gore seboko sa segopa se ne sa tlhagoga morago ga dipula tse di mashetla tse di neng tsa na mme se babaletse balemi ka se jele dijwalo di sa le dibotlana.

Kgosi Ramotswaiso a re seboko se, se ne se le borai ka se ne se tsena se bo se baka tshenyo e ntsi mo nakong e khutshwane. 

O tlhalositse fa balemi ba temo ya pele ba setse ba simolotse go roba.

Balemi ba masimo a Maisane gaufi le Lotlhakane, ba re ba setse ba simolotse go akola letlhafula morago ga dipula tse di namagadi.

Rre Mosimanegape Kebairejang a re ba tlaa dika ba orile molelo wa mariga ka thobo e a nametsa monongwaga. 

A re ba lemile mmidi, ntshe, dinawa le magapu mme thobo e botoka.

Mongwe wa barekisi ba popota ba thobo ya masimo a Lotlhakane, Rre Kebonyemotse Walesedi a re ba rekisa ngwaga le ngwaga mme ngogola, thobo e dikile e le boutsana ka pula e ne e se kalo. 

O lebogetse gore monongwaga dijwalo tse ba di rekang kwa masimong go di rekisa di nonofile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lotlhakane

Event : Potsolotso

Date : 22 Apr 2025