Ookeditse o gwetlha banni go ipabalela
22 Apr 2025
Puso e abetse kgaolo ya Bokone Bophirima matloa a a thibelang monang a le 15 000, e le tsela ya go lwantsha seru se se wetseng kagolo eo sa bolwetsi jwa malaria.
Mothusa Tona wa Botsogo, Rre Lawrence Ookeditse, o boletse jalo mo phuthegomg ya kgotla bosheng kwa Maun, a supa fa maikaelelo e le go oketsa matloa ao ka a le 6 000 mo bogaufing, mme a gwetlha banni go ipabalela mo serung seo.
A re ntswa kgaolo ya Ngamiland e tshabelelwa ke malaria, gompieno seemo se tsere phekelo e sele morago ga gore kgaolo e amiwe ke merwalela ya dipula tsa bosheng.
O supile fa ba botsogo ba setse ba kwadisitse dikgetse tsa malaria di le 172 le dintsho di ferabobedi, a tlatsa ka gore palo eo ya dintsho e a tshwenya bogolo jang ka bolwetsi joo bo ka thibelwa.
O tsweletse a re go na le kgonagalo ya gore dikgetse dingwe di bo di sa kwadisiwa, a tlatsa fa go supagetse fa batho ba dingwaga tse di fa gare ga 20 go tsena kwa go 49 e le bone ba ba mo diphatseng tsa go tsenwa ke bolwetsi joo, ba bo ba latelwa ke ba dingwaga tse 0-19.
Rre Ookeditse a re mo dipalong tse di kwadisitsweng, go supagetse fa borre ba amiwa thata ke bolwetse go na le bomme mme a kgothatsa banni ka kakaretso go diragatsa dikgakololo tsa ba botsogo jaaka go ya kwa dikokelong fa ba na le dikai tsa malaria, go nna mo tikologong e phepha, go tlhagola bojang le gone go netefatsa gore ga gona metsi ape a a ka ngokang monang.
Rre Ookeditse o kopile banni gape go dirisanya le ba botsogo fa ba bolotsa letsholo go gasa molemo wa malaria mo matlong a bone le gone go dirisa matloa a a thibelang monang.
A re go na le dipego tse di tshwenyang tsa gore bangwe ba gana go bula matlo ka nako ya letsholo fa bangwe ba re monkgo wa molemo ga o ba tsaye sentle.
Fa ba mo kgwa dikgaba, banni bangwe ba ne ba dumalana ka bongwefela jwa pelo gore kgaolo ya bone e tshabelelwa ke malaria, mme ba supa fa ba na le dingwaga di ka nna tharo ba botsogo ba sa ba thuse ka lenaneo la go gasa molemo mo matlong.
Ba ne ba ganetsa dipego tsa gore ba gana go bula matlo ba supa fa ba botsogo nako dingwe ba sa ba itsise nako e sa le teng gore ba ba fitlhele mo malwapeng.
Rre Otshotswe Thabare a re ke tlwaelo gore morago ga dipula monang o nna mo ntsi mme o bake malaria, ka jalo a kopa ba botsogo go monela marula pele ka go ba neela matloa go sa le nako.
Mo go tse dingwe, Rre Thabare o ne a kopa khansele go tsibogela seemo sa matlwana a boiteketso kwa dikoleng tse di potlana a re di baya matshelo a baithuti mo diphatseng.
Fa a tsibogela dingwe tsa dilelo tsa banni, mokwaledi wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Thatayotlhe Balapi, o ne a supa fa ba itse ka seemo seo, mme e bile maiteko a dirwa go se tokafatsa.
A re seemo se gakatswa ke letlhoko la metsi le le amileng dikole ka bontsi mo Maun, mme a supa fa ba sa nna fela.
O supile gape fa khansele le yone e neng e thusa mo letsholong la go thibela malaria mme ba fokotsa lebelo kwa Maun ka jaana ba ne ba fitlheletse seelo mme ba lebagana le metse e e kwa ntle.
Le fa go ntse jalo, Rre Balapi o ne a itsise banni fa khansele e tsere boikarabelo jwa dikokelwana, mme a ba solofetsa fa ba tlaa dira gotlhe mo ba ka go kgonang go netefatsa gore ba bona ditlamelo tsa botsogo tsa tlhwatlhwa.
O ne a kgothatsa baoki go dira tiro ya bone ka manontlhotlho le gone go thusa banni ka botho le tlotlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Apr 2025