Bogodu jwa leruo bo golela pele
22 Apr 2025
Go bolelwa fa bogodu jwa leruo bo apesitse banni ba Good Hope kobo ka letshoba.
Mookamela mapodisi kwa Good Hope Superintendent Mogogi Mathaba, o boletse mo potsolotsong fa dikgang tsa mofuta o di oketsega, a tlhalosa fa dirukutlhi di bolaya a bo di latlhela matlalo mo lefelong le sele go latlha motlhala.
O supile fa ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone go fitlhetsweng matlalo a dikgomo tse pedi fa gare ga metse ya Mmathethe le Gasegwaga kwa go bosheng.
Superintendent Mathaba a re mapodisi ba ne ba itsese mong wa dikgomo tseo tse di saleng di timetse.
O ne a tlhalosa fa go ise go tshware ope mabapi le tiragalo eo ka jalo ba kopa setshaba go ba loma tsebe.
A re magodu a timetsa motlhala ka go bolaela seruiwa mo kgaolong e nngwe ba bo ba latlhela matlalo mo kgaolong e sele, a tlatsa ka gore bogodu jwa mofuta oo, bo a kekela. Are bosheng, mapodisi ba ne ba tshwara dinama tsa dikgomo tse tharo mme ga tshwarwa banna bangwe ba le bane kwa Kgoro. Banna bao, ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mane le bongwe le masome a mane le botlhano mme ba tswa kwa Mogoditshane.
Mapodisi ba ne ba longwa tsebe ke mongwe morago ga gore koloi ya babelaelwa bao e senyegele mo nageng. A re banna bao ba setse ba isitswe fa pele ga lekgotla go arabela melato ya bone.
Superintendent Mathaba o ne rotloetsa barui go tlhokomela dikgomo tsa bone ka go di tlhatlhela ka gore fa ba sa dire jalo go nna motlhofo gore magodu a di utswe.
Gape a re go na le megotlha e e sa lotlelelweng mme ba sepodisise ba setse ba kwadisitse dikgetsi tse mo go tsone magodu a neng a e dirisa go bolaya dikgomo tsa bogodu, ka jalo a kopa gore megotlha e lotlelwe go itsa bogodu. A re mapodisi a ikamantse le komiti ya barui go rotloetsa gore go disiwe dikgomo e le tsela nngwe ya go lwantsha borukutlhi.
Superintendent Mathaba a re dikgang tse dingwe tse di tshwenyang mo Good Hope ke tsa go kgaolwa ga megala ya motlakase ya Botswana Power Corporation mo kgotlaneng ya GaKhudu mo Good Hope le kwa Mmathethe. O tlhalositse fa dirukutlhi di utswa megala ka nako ya fa batho ba robetse kana ba seyo mo malwapeng.
A supa gore seo se direga thata mo mafelong a malwapa a a agilweng a katologane, mme mo nakong eno ga ba ise ba tshware ope. O tlhalositse gore ba tsweletse ka go dikologa motse go bepisa bogodu joo, gape a re go botlhokwa gore batho ba tlhokomele dikago tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Good Hope
Event : Potsolotso
Date : 22 Apr 2025