Ba Rara Apostolic Zion ba kopa lefelo la kobamelo
22 Apr 2025
Bogogi jwa kereke ya Rara Apostolic Zion bo supile fa bo tshepa puso go rarabolola matshwenyego aa lebaneng dikereke jaaka letlhoko la lefatshe go aga gore ba obame ba phuthologile.
Ba re dikereke ka bontsi di tswa kgakala di lela ka lefatshe mme ba dumela gore kgang eo e tlaa nna selo sa maloba.
Modulasetilo wa khuduthamaga ya kereke eo, Rre Moedi Modiegi o kaile jalo mo potsolotsong morago ga go bulwa semmuso bokopano jwa kereke eo jo bo neng bo tshwaretswe kwa Maun ka Labotlhano, a tlatsa ka gore o na le tumelo ya gore makgotla a kabo ditsha jaaka a simolotse go sega le go aba ditsha, a tlaa sekegela tsebe dikopo tsa dikereke.
A re go tlhoka lefatshe go pateleditse bangwe go obamela mo malwapeng, a tlhalosa fa a na le tshepo ya gore puso e tlaa ba reetsa mme e ba thuse ka ditsha go aga dikereke ka jaana e lemoga seabe sa kereke mo go fetoleng le go tlhabololeng matshelo a Batswana.
Rre Modiegi o supile fa kereke ya bone e gola ka bofefo, a supa fa ba na le makalana a feta lekgolo go ralala lefatshe leno. Kereke eo, e gompieno e eteletsweng pele ke Archibishop Bapati Wright, e tlhamilwe ka 1988 ke Archibishop Masilo Manaka yo o sa tlholeng a le botshelong kwa Tsetsebjwe mme ya kwadisiwa semmuso ka 1989.
O tsweletse a re fela jaaka dikereke tse dingwe, e dira go tlala ka diatla go thusa puso mo go ageng setshaba le gone go lwantsha dikgwetho tse di aparetseng lefatshe.
O boletse fa ba kwadisitse kereke gape bosheng ba setse morago molao o mosha o a reng o rotloetsa dikereke le bogogi go goga mmogo ba le seopo sengwe.
Sebui sa tlotla kwa bokopanong joo, Rre Galenawabo Lekau yo e leng mopalamente wa Mogoditshane Bophirima o supile fa nako e tsile gore e le barongwa ba setshaba, ba emele dikgang tsa dikereke ka dinao kwa palamenteng.
A re dikereke di aperwe ke dikgwetlho di tshwana letlhoko la lefatshe, metsi le motlakase a tlatsa ka gore e re lentswa maloko a dira maiteko go kgobokanya madi, sebe sa phiri ke gore ga ba kgone go ka ithekela ditsha kantlha ya boturu.
Rre Lekau o supile fa bosheng kwa palamenteng ba ne ba dumalana ka bongwefela jwa pelo gore dikole tsa ditiro ya diatla di tsosolosiwe ka jaana dina le bokgoni jwa go tlhama mebereko.
A re seo, se ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro le le aparetseng banana ka jaana e tla re ba fetsa sekole ba ipulele dikgwebo mme ba tlhame mebereko.
O ne gape a ikuela ka tiriso ya ditagi e e golelang pele mo bananeng mme a akgola maloko mangwe a kereke ya Rara a re bangwe ba tsere banana baba sailang mo mekgwatheng go nna le bone le go ba tlamela.
Mopalemente o supile gape fa puso e leka ka bojotlhe go tokafatsa matshelo a Batswana a ntsha sekai ba dituelo tsa bagodi a re madi a P1 400 a ba nela seriti e bile ba kgona le gone go tshedisa ba malwapa a bone.
Le fa go ntse jalo, Rre Lekau o ne a gwetlha bagodi go inaakanya le ba di Insurance a supa fa bangwe ba lopa madi a a kwa tlase a a sa feteng lekgolo. A re go dira jalo ke go tlhofofaletsa ba malwapa tiro ka nako e e thata ya loso.
Kwa bofelong o ne a supa fa a tlaa abela kereke eo seoketsa mantswe (PA system) gore ngwaga o o tlang e bo e dirisiwa mo bokopanong. ENDS
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Bokopano jwa kereke
Date : 22 Apr 2025