Kgokgontsho ke kgatako ya ditshwanelo tsa setho
22 Apr 2025
Kgaolo ya Botshabelo mo Selebi Phikwe e tswa kgakala o aperwe ke lehuma, letlhoko la ditiro le dintwa tse di amanngwang le kgokgontsho ya bomme le bana.
Se se builwe ke Tona mo ofising ya ga Tautona Rre Moeti Mohwasa kwa puisanong ya bomme e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Botshabelo ka Labone.
Rre Mohwasa yo e neng e le molalediwa wa letsatsi o kaile fa motse wa Botshabelo o tswa kgakala o timiwa ditlhabololo e bile batho ba kgaolo eo ba sa akarediwe mo itsholelong ya lefatshe.
Tona o tlhalositse fa go tlhoka go itumela mo moweng mo go bakwang ke letlhoko la ditiro e le nngwe ya tse di bakang kgokgontsho ka batho ba go nna jaana ba a bo ba setse ba latlhegetswe ke tshepo ka botshelo jwa bone.
Rre Mohwasa o ne a tlhalosa fa puso e itlamile go itepatepanya le letlhoko la ditiro le le aparetseng banana, a tlhalosa fa lenaneo la ditlogamaano tsa lesome le bobedi le ya go itebaganya le go tlhamela Batswana ditiro gore ba tshele botshelo jo bo botoka.
O kaile fa ngwao le yone ena le seabe mo go rotloetseng kgokgontsho mo malwapeng, a supa fa go santse go na le merafe e e santseng e dumela gore bana ba tshwanetse go nyadisiwa le ntswa bone ba sa batle.
Rre Mohwasa o ne a re go botlhokwa gore batsadi ba gadime kwa morago go bona gore ke eng se ba sa se direng sentle, a kaya fa bana ba dingwaga tse di kwa morago ba farologana thata le ba gompieno.
Mo go wetseng mafoko a gagwe Rre Mohwasa o ne a lebogela dikgosi le boeteledipele jwa kgaolo ya Botshabelo go bo ba bone go le botlhokwa go rulaganya bokopano ka bo thusitse thata go ipua le go bona gore go ya pele, dikgang tsa kgokgontsho di ka tilwa jang.
E rile a tswa la gagwe, mookamela sepodisi sa kgaolo ya District No: 10, Senior Superintendent Debby Ndabule o ne a tlhalosa fa kgaolo ya Botshabelo e le nngwe ya tse e di gogang kwa pele mo go tsa kgokgontsho ya bana le bomme.
Senior Supretendent Ndabule o ne a tlhalosa fa go ne ga nna le dipolao di le thataro magareng ga ngwaga wa 2023 le 2024 mme ga gatisiwa dikgetse dile masome a matlhano le bongwe tsa tiriso botlhaswa ya bana.
Le ntswa dikgang tsa kgokgontsho di le kwa godimo, Senior Superintendent Ndabule o ne a tlhalosa fa go tshwenya ka gona le batho ba ba santseng ba tsholola dikgetsi kwa makgotla tshekelong.Kgosi Ishmael Legwaila wa kgaolo ya Botshabelo o ne a supa fa dikgosi di lebanwe ke kgwetlho ya go tshwaraganya morafe mme a kaya fa se se ka kgonagala fela fa ba tshwaragane le ba na le seabe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Puisano ya bomme
Date : 22 Apr 2025