Maiteko a kereke ya FGAC a tswa tema
22 Apr 2025
Kereke ya Faith Gospel After Christ (FGAC) e akgoletswe go bo e dirile pharologanyo e ntsi mo lefatsheng leno.
Se se builwe ke Tona wa Lephata la Ofisi ya ga Tautona, Rre Moeti Mohwasa ka Matlhatso jaaka fa kereke eo e ne e dirile dikgaisano tsa moopelo e le nngwe ya go keteka malatsi a paseka le go gakologelwa seabe le ditiro tse dintle tsa mosimolodi wa kereke Bishop Robert Modikwa.
Rre Mohwasa a re motlhala wa ga Archbishop Modikwa o ka latedisiwa kwa dingwageng tsa 1949 fa a ne a simolola kereke eo le ba bangwe. Ka jalo, are se se ne sa dira gore go nne le kgololesego ya puso ya batho ka batho mo lefatsheng leno.
Rre Mohwasa a re kereke ya FGAC ke kereke e tona thata e bile e tswa kgakala e na le motlhala wa go thusa setshaba ka go abela masiela ngwaga le ngwaga ka malatsi a paseka.
A re kereke e, gape go supilwe fa e agile ntlu kwa motseng wa Tshimoyapula le Tumasera le go thusa mo dikolong ka mesangwana ya basetsanyana le tse di tlhapang.
Se se diragala ngwaga le ngwaga ka Phukwi mo bokopanong jwa kereke jwa dikhwaere, a supa fa go dira jalo ba araba pilara ya toro ya setshaba ya 2036 ya bobedi ya go thusa ‘mong ka wena’.
O ne a akgolela kereke eo gape go neela mme maemo, jaaka go supagetse ka Archbishop Norah Modikwa yo eleng ene a eteletseng kereke eo pele go simolola ka ngwaga wa 2013.
A ba a tlatsa ka gore puso e itumelela thata go bona dikereke le tsone di lemoga seabe sa bomme.
A re puso e lemoga seabe sa dikereke thata ke ka moo e sa di tlogeleng kwa morago ka di bopaganya setshaba.
A re fa go nna le seemo, seabe sa kereke se tshwanetse se utlwale thata mo dikgannyeng tse di tshwenyang mo malwapeng le mo setshabeng.
Rre Mohwasa a re puso e sa tswa go fetola molao gore kwadiso ya kereke e nne maloko a le 20 go tswa mo go a le 150 mme e dira jaana go tlhofofaletsa Batswana gore ba rapele ka kgololesego le gore mo metseng mengwe e e kwa teng ga ba kgone go tshwara dipalo tsa 150 mme ba batla go rapela.
Ka jalo, a re puso e tla a ela tlhoko ba ba tswang mo tseleng a ba a lopa baeteledipele ba dikereke go kgalema le go kaela.
O ne a kopa dikereke go tshegetsa molao motheo wa tsone o ba o ipeetseng le melawana mme ba fokotse dikgotlhang ebile go tlotlanwe go fokotswe dikgotlhang ka di isa seriti sa kereke kwa tlase.
Rre Mohwasa o tsweletse a supa fa puso e lemogile botlhokwa jwa dikereke ka seabe sa tsone sa go rapelela tshwaragano le tse dingwe.
O ne a kopa ba FGAC go tswelela ka meopelo mo kerekeng ya bone ka ba kgonne go rupisa banana bangwe ka ba tlhamile dipina tsa sekeresete.
Modulasetilo wa dikhwaere tsa kereke ya FGAC Rre Cedric Luka o ne a re puso e supile fa dikgaisanyo tsa bone tsa ngwaga le ngwaga di na le seabe mo itsholelong ya lefatshe.
A re ba neelana ditemana mme ba tlhama dipina ka tsone mme mo ngwageng eno ba ne ba bona go tshwanela gore ba lemoge motlhami wa kereke ya bone ka go bitsa dikgaisanyo tseo ka ene.
A re ba ikaelela go tswelela ba isa molaetsa ka thulaganyo ya kopelo e bile ba tsweletse ka go tshwaraganela le puso go supa mowa wa kutlwelobotlhoko ka go aba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Ratholo
Event : Dikgaisano tsa mmino
Date : 22 Apr 2025