Breaking News

Tshere o lebogela tirisano mmogo

22 Apr 2025

Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o lebogetse tirisano mmogo le lerato la banni ba Mahalapye.

O buile jalo fa a buisa phuthego ya Kgotla kwa Mahalapye bosheng.

Rre Tshere yo gape e leng Tona wa Ditlhaeletsano le Ditlhamo, o lebogetse go fiwa sebaka sa go emela kgaolo ya Mahalapye Bophirima kwa palamenteng.

A re o tlaa leka ka gotlhe go netefatsa gore ditsholofetso tsa morafe di a diragadiwa.

O tlhalositse gore ditlhabololo tsa motse wa Mahalapye tse go setseng go kile ga buiwa ka tsone di ntse di tlaa diragadiwa ka maikaelelo magolo e le go feleletsa ditiro tsotlhe tse di neng di tshwanetse go wediwa.

A re di filwe go fitlha kgwedi ya Phalane gore di bo di weditswe go itsa go dira mealo e mesha ditiro dingwe di saletse kwa morago.

Tona a re ditiro tse, di akaretsa maemelo a dipalamo tsa setshaba a masha a a nang le dikago tsa mabentlele a a buileng ka one ngogola a ebileng a filwe setsha, maemelo a diteraka le sekole se sebotlana kwa kgotleng ya Flowertown.

Rre Tshere o kgadile kgokgontsho ya bong, ebile a supa gore seemo se, se tshwanetse go potlakelwa se ise se kekele.

A re dikgang tsa kgokgontso  mo Mahalapye ga di mo jese diwelang e bile di tlhabisa ditlhong.

O supile fa go ya ka dipego, bomme le bana ba motse wa Mahalapye ba sa sireletsega.

O buile gape ka  borukutlhi le tiriso ya ditagi le diritibatsi tse di di golelang pele mo bananeng.

Rre Tshere a re diemo tse tsotlhe di tsile go koba bagwebi ka jaana go na le baba nang le kgatlhego ya go tla go bula dikgwebo kwa Mahalapye. 

O kopile morafe go dirisana sentle le ba sepodisi gotlhe le ba bogosi go lwantsha diemo tse ka di dirwa ba di itse mme ebile ba nale thata ya go ka thusa go di fenya.

A re batsadi ba tshwanetse go ema ka dinao go kgalema bana ba bone mme ebile go sa pale sepe gore ba ikuele kwa kgosing fa bana ba tswa mo tseleng ka lore lo ojwa le sale metsi.

A re le bana ba ba dirisiwang botlhaswa ba emelwe ka dinao ka e le bone bokamoso jwa lefatshe le.

O supile fa e se bana ba basetsana fela ba ba dirisiwang botlhaswa ka go setse go gatisitswe kgetsi ya tiriso botlhaswa ya ngwana wa mosimane bosheng.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Boniface Disho o kopile gore ditsela tsa motse di baakanngwe ka jaana di sentswe ke dipula.

O kopile gore bogolo fa ditsela di ka gopiwa mme tsa tshelwa go tlaabo go le botoka ka jaana di le dikhuti, e bile di baka metsi go ema gongwe le gongwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Victoria Kesimolotse

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Apr 2025