Moruti Phale o gakolotswe go ikanya modimo
22 Apr 2025
Moruti Tebogo Phale wa kereke ya Heaven Holiness Apostolic Church yo sa tswang go tlhomiwa o gakolotswe go tshepha lefoko le le molemo le go ikanya Modimo mo ditirong tsotlhe tsa gagwe.
Kgakololo e, e dirilwe ke Mopalamente wa Kgatleng Bogare Rre Mpho Morolong kwa tirong ya go tlhomamisiwa ga ga Moruti Phale kwa Mochudi ka Labotlhano.
Mopalamente o boletse fa dikereke mo malatsing a gompieno di lebaganwe ke dikgwetlho ka gore letlhooo le feta lorato.
Rre Morolong o boletse fa Rre Phale a tsaya maikarabelo ka dinako tse di thata, mme a mo kopa gore a nne pelotelele, a tle a rute lorato.
“Ke go utlwela botlhoko go bo o nna moruti ka nako e letlhoo le golang ka teng mo kerekeng,” mopalamente a tlhalosa, a tlatsa ka go mo rotloetsa go ikokotlela ka lefoko la modimo.
A re fa Moruti Phale a ka kgona, phuthego ya gagwe ya ntsha letlhoo mo kerekeng, o ka natefelelwa ke tiro ya gagwe ka ba tlaa bo ba ntshitse dikgang se di tshesane tse di sa ba ageng.
Kgwetlho e nngwe e moruti a lebaganeng le yone ke tiriso ya maranyane.
“O tlhomamisiwa ka nako e maranyane a tsereng taolo ya sengwe le sengwe. Gongwe le gongwe fa o le teng, se o se buang le se o se dirang, sechaba se go lebile,” a tlhalosa jalo mopalamente mme ka jalo a kopa moruti gore a ikele tlhoko ka dinako tsotlhe go tlhomamisa gore dipuo tsa gagwe le maitshwaro ke tsa motho a eteletse kereke pele.
Mopalamente Morolong o kopile moruti go tseya dikgakololo mo baruting ba bangwe mme a seka a lebala maikano a gagwe, gape a seka a swabisa mookamedi wa kereke yo a mo tlhomileng mo maemong.
O tsweletse a tlhalosa gore e re ntswa lefatshe la Botswana le amogetse tumelo ya sekeresete, ga gona sepe se se supang fa e le lefatshe la tumelo ka le lebaganwe ke dikgwetlho di le dintsi.
A re o eletsa go bona lefatshe le agiwa ka malwapa a a feletseng, banna ba nna le basadi ba bone le bana ba bone, go sena monna yo o latlhang ngwana wa gagwe. A re se se batla monna tia, yo o dibelang lelwapa la gagwe kgatlhanong le kgokgontsho.
Mopalamente o ne a kopa Mme Tlamelo Phale, yo e leng mohumagadi wa moruti, go ema monna wa gagwe nokeng mo thomong ya gagwe ya boruti, a gatelela ka gore kemo nokeng ya gagwe e botlhokwa.
Rre Morolong o boletse fa a rotloetsa lenyalo mo kerekeng mme a sa itumedisiwe ke batho ba ba nang le bana kwa ntle ga lenyalo, bangwe ba bo mme ba phuagantswe ka bana.
A re thulaganyo ya lenyalo ke ya Modimo mme ka jalo a kopa kereke gore ba kope kwa go ene go tsena mo lenyalong le le boitshepho.
Mo lefokong la gagwe la thotloetso, Moruti Letshele Bokole o gakolotse Moruti Phale gore a ikanye lefoko la Modimo, a re thomo ya gagwe e tshwana le e e neng Modimo a e roma Ezekiel a re, ‘morwa motho, tloga o ye kwa go ba ntlu ya Israel’.
O mo gakolotse gore a simolole ditiro tsa gagwe tsotlhe ka thapelo mme a ikanye Modimo go na le botlhale jwa gagwe.
Moruti Bokole o ne a mo gakolola gape gore a seka a reetsa batho ba ba batlang go mo latlha, ba tlisa dikgotlhang mo kerekeng.
Moruti Phale o tlhomilwe go etella lekalana la kereke ya Pilane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebagano Ntshole
Location : Mochudi
Event : Tlhomamiso ya moruti
Date : 22 Apr 2025