Breaking News

Molaetsa wa malatsi a Paseka go tswa go Tautona Advocate Duma Boko

17 Apr 2025

Dumelang Batswana betsho!

Go inoga mo dipogisegong, go tlhatlogela kwa mankalankaleng, ke se papolo ya Morena e se rayang mo go nna. Monna yo a neng a itatolwa ke ba a jang le bone, a tshwarwa, a bapolwa le go ketekwa.


A rweswa serwalo sa mitlwa,  a patelediwa go sikara mokgoro o a yang go bapolelwa mo go one. Ba mo kgobotletsa, ba mo kgwela mathe, mme ba mo kokotela mo go sone sefapaano. A swa. A tsoga mo baswing morago ga malatsi a le mararo. Se ke maitemogelo a botshelo. Go wa o tsoga. Yo o neng a tlhobogilwe o fetoga go nna mmoloki. Ke one molaetsa wame mo go lona.

Batswana ba gaetsho, mo botshelong o tshwanetse wa ralala dikgwetlho gore o tle o lemoge gore o ka itsetsepela. Fa o setse o le kwakwa ga mathata,  o fentse, o tswa o le motho yo o tokafetseng.

Re tsena mo malatsing a paseka go ya go ikhutsa, go iketla le go ipela jaaka reka kgona. Malatsi a a  boitapoloso a wetsa paka ya ntlha mo go tse nne tsa ngwaga. A re dirise nako e go itlhokotsa mme re boe e ipaakanyeditse go tsweledisa tiro e ntle e re e simolotseng. 

Mme le fa o ise o simolole sepe se se molemo o santse o na le sebaka sa go ka dira jalo. Itsee motlhala. Seka seka maikaelelo le maitlamo a gago a lobaka le lekhutshwane le go fitlha kwa go a a tlaa tsayang lobaka le le telele.

Jaaka tshaba go a bonala re tsere dikgato tse di siameng go ya pele. Mo pasekeng eno kanoka gore seabe sa gago ke eng go aga bokamoso bo bo tlhapileng. A re tlogeleng se dikwalo tsa ditso di tlaa se kwalang ka rona e le se se molemo. A kokomane ya rona e nne e e tlaa isang Botswana ko pele.

Mo malatsing a a boitapoloso tsayang nako lo sa theogela lo na le ba malwapa. A re ipheng nako ya go tsamaela ko dikerekeng mme re gakologelwe phenyo e e diretsweng rona ko mokgorong. Boang le lapologile le tletse matlhagatlhaga ka gore go simolola ka Labobedi go ya pele re boela mo tirong re tla go bereka ka mashetla, ka mohuhutso wa phatla go fetola lefatshe le la rona mmogo.

A re rwaleng maikarabelo, re ratane, a re se lwantshanye kgotsa ra gobatsana. Dirisang thekololo e re e bonyeng ka loso la mokgoro go fetoga. Nnang boingotlo le boikokobetso. Itshwarelaneng le ratane. Phetogo e simolola ka wena.

Mo godimo ga tsotlhe tshaba ya gaetsho, rapelelang bo molemo. Berekang ka natla go tlhomamisa tse le di rapeletseng. Kgweetsang ka kelotlhoko mo ditseleng tsa rona, babalesegang, dirisanang sentle. Pula.

Source : BOPA

Author : Bopa

Location : Gaborone

Event : Molaetsa

Date : 17 Apr 2025