Ba CKGR ba kopa ditlamelo
16 Apr 2025
Banni ba mafelo a a mo Central Kalahari Game Reserve (CKGR) a akaretsa Metsiamanong, Gope, Mothomelo le Gugamma, ba kopile go akarediwa mo lenaneong la puso la go isa dithabololo kwa bathong.
Ba buile seo bosheng jaaka lekoko le le tlhomilweng ke Tautona Advocate Duma Boko, ba ne ba etetse mafelo a banni ba letso la Sesarwa, e le tsela nngwe ya go tsaya megopolo mabapi le dikgang tse di amang matshelo a bone, go di sekaseka go itebagantswe le ditshwanelo tsa setho.
Kgosi yo o okametseng mafelo ao go tswa kwa New Xade, Kgosi Lobatse Beslag o ne a supa fa mafelo ao, a lebanwe ke dikgwetlho tsa tlhaelo ya ditlamelo di tshwana botsogo, metsi, thuto, maranyane le ditlhaeletsanyo.
O ne a tlhalosa fa bontsi jwa banni mo mafelong a a mo CKGR le tikologo ba tlholega mo Metsiamanong, mme e bile go ka sekasekwa go tlhoma lefelo leo boremelelo jwa ditlamelo le ditirelo ka go farologana ka jaana a re le fa gare ga mafelo ao otlhe. A re seo, se ka thusa go fokoletsa banni ba mafelo ao mesepele e meleele go latela ditirelo le ditlamelo boturu kwa New Xade, Kaudwane le ka kwa kgaolong ya Boteti. Kgosi Beslag o ne a supa gape fa ba eletsa gore mafelo ao, a bidiwe ka maina a one a tlholego a puo ya Sesarwa.
Rre Ikakanye Keshakgetshe go tswa kwa Gope o ne a gatelela fa ba tlhoka go atumelediwa ditlamelo, a itebagantse segolo bogolo le thuto, a supa fa ba tshwanetse go agelwa dikole mo mafelong ao, ka jaana a re bana ba kgaoganngwa le batsadi ba sa le ba botlana, go ya go tsena sekole kwa New Xade.
A re bana ba tlhokomelelwa kwa sekoleng go simolola ka mophato wa ntlha, a supa fa seo, se ama kgolo ya ngwana ka ntata ya gore o patelesega go ipelega a sale mmotlana. Rre Keshakgetshe a re seemo seo, ke sone se bakang kwelo tlase ya maduo ka jaana maikutlo a bana ga se a a iketlileng ka ntlha ya go nna kgakala le batsadi ba sa bone tllhokomelo e e nitameng.
Mo go tse dingwe, rre Keshakgetshe o ne a kopa gore ba Lephata la Tikologo le Bojanala ba sekaseke melawana ya go laola mesepele mo CKGR, a supa fa dinako tse di beilweng di ba patika, ka jalo a kopa gore ba letlelelwe go tsamaya nako nngwe le nngwe ka ntlha ya diemo tsa botshelo.
E ntse e le kwa Gope, Mme Tlhabologo Galetshipe ene o ne a kopa gore ba agelwe kokelwana ka gore ba lebanwe ke kgwetlho ya dipalamo go tswa mo Gope go ya New Xade. O ne a tlhalosa fa go tlhoka kokelwana go ama botsogo jwa bana ka jaana ba retelelwa ke go tsaya mekento ya thibelo malwetsi ka dinako tse di tshwanetseng a re seo, se baya matshelo a bana ba bone mo diphatseng.
O ne a tlatsa ka gore seemo sa go tlhoka kokelwana se ama le matshelo a bomme ba ba itsholofetseng ka jaana a re ba patelesega go ya itekodisong kgwedi le kgwedi mme ba felela ba sa kgone ka ntlha ya letlhoko la dipalamo le madi.
Mme Kaitshotla Keemetswe go tswa kwa Mothomelo, o ne a supa fa metsi e le botshelo, ka jalo ba kopa gore ba gokelelwe metsi a sennela ruri gore ditlhabololo tse dingwe di kgone go tla ka go latelana. O ne a supa gape fa ba tshelela mo letshogong ntateng ya ditlou tse di sailang mo mafelong a bone, mme a kopa gore go batliwe methale ya go di kobela kgakala le fa batho ba nnang teng.
Rre Mosetlhanyana Matsipane ene, o ne a gatelela botlokwa jwa kabo ya lefatshe a re seo, se tlaa ba thusa go tsaya mananeo a tshwana le a temo letlotlo le a mangwe a boipelego gore ba kgone go itshetsa ka jaana a re ba aperwe ke lehuma la nta ya tlhogo. O ne a kopa gore ba fiwe setlankana sa lefatshe gore fa ba senyeditswe ke diphologolo tsa naga, ba kgone go kopa puso madi a phimolo dikeledi.
Go tswa kwa Metsiamanong, Rre Kgatlhego Digobe o kopile gore ba gokelelwe maranyane a ditlhaeletsanyo gore ba kgone go nna mo dinakong ka ditiragalo tsa lefatshe gammogo le mananeo a puso ka se se ka tlhabolola matshelo a bone. O ne a gatelela botlhokwa jwa go gokelelwa metsi mo mafelong ao, a supa fa go nosiwa metsi ka dikoloi ke khansele kgwedi le kgwedi go sa ba berekele ka jaana metsi ao a sa lekane.
Rre Onkemetse Tshotlego go tswa kwa Gugamma ene o ne a gwetlha puso go tlhomamisa mafelo a bone a re seo, se tlaa ba fa tshiamelo ya go atumediwa ditlamelo ka fa tshwanelong.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa gore go sekasekwe molao motheo, lenaneo la Ipelegeng go tlhokomela ditsela tse di mo CKGR, kago ya mafelo a ngwao le koketsego ya kemedi ya batho ba letso la Sesarwa kwa Palamenteng gore lentswe la bone le tle le utlwale sentle.
Mokwaledi go tswa kwa lephateng la tikologo le bojanala, Rre Boatametse Modukanele o ne a itsise banni fa ba tlaa tsaya megopolo ya bone mme a ba itsise fa ba santse ba na le sebaka sa go sala ba kopana ba kwala tse dingwe, go oketsa tse ba setseng ba di ba begetse gore di kopanngwe di fetisetswa kwa go Tautona.
Mo mafokong a gagwe a malebo, Mokhanselara wa Kacgae, Rre Isang Saidoo, o ne a lebogela lekoko leo, a supa fa therisanyo eo, e tlaa thusa go fokotsa dipharologano mo merafeng ya batho ba letso la Sesarwa gore le bone ba akole ditshwanelo jaaka Motswana mongwe le mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Metsiamanong
Event : Phuthego
Date : 16 Apr 2025