Sekole sa Nthwalang se tlhoka go shafadiwa
16 Apr 2025
Banni ba Digawana mo kgaolong ya Mmathethe/Goodhope ba kopile gore sekole se segolwane sa Nthwalang se baakanngwe ka jaana se se mo seemong se se nametsang.
Kopo eo, e rotswe ke mothusa kgosi wa motse oo, Kgosi Moatlhodi Kgwakgwe mo mafokong a gagwe a kamogelo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, e bile e le tona wa Lephata la Lefatshe le Temo-thuo, Dr Edwin Dikoloti ga mmogo le tona wa Lephata la Tlamelo ya Bana le Thuto go tswa kwa Moding, Mme Nono Kgafela-Mokoka kwa Digawana bosheng.
Kgosi o ne a bolela fa dikago tsa sekole seo di onetse, ka jalo di tlhoka go shafadiwa. Godimo ga seo, a re ba tshwenngwa gape ke gore maduo a dikole tsa motse oo a kwa tlase fela thata, go akarediwa le sone sa Nthwalang. Mo go tse dingwe, Kgosi Kgwagwe o boletse gore kago ya diofisi tsa sepodisi e tsweletse, le gore ba filwe koloi ya mapodisi. O kopile gore ba okelediwe mapodisi ka go bo dikgang tsa borukutlhi di a tshwenya mo motseng.
E rile a buisa banni, Mme Kgafela-Mokoka o ne a bolela fa lephata la gagwe le le lesha, a tlatsa ka gore ga gona jaaka go ka buiwa ka thuto go bo go tlogelwa ditlamelo tsa ngwana kwa ntle. O tsweletse a bolela fa ditshwanelo tsa ngwana e le thuto, botsogo le gore o godisiwa ke mang, a bolela fa ba boipelego ba na le dithutego tse di faphegileng gore ba ka tlamela botshelo jwa ngwana le jwa motho.
Fa a itebaganya le sekole sa Nthwalang, jaaka a ne a se etetse pele ga phuthego, tona Kgafela-Mokoka o supile fa seemo sa sekole seo se sa jese diwelang, a tlatsa ka gore baithuti ba tsenela ka fa tlase ga ditlhare, mme a solofetsa gore dikago tsa sekole seo, di tshwanetse tsa shafadiwa. A re o tlaa kopa di Porta Camp tse di lekaneng go nna matlwana a borutelo, a tlatsa ka gore le one matlo a bonno a barutabana ga a mo seemong se se siameng.
Tona Kgafela-Mokoka o boletse fa dikgang tse dingwe tse di tshwenyang ele tsa kgokgontsho ya bong e bana ba dirisiwang mo go tsa tlhakanelo dikobo ba le dingwaga di kwa tlase, selo se se felelang se ba senyetsa bokamoso. O tsweletse a kopa batsadi go tlamele le go babalela bana kwa malwapeng fela jaaka ba babalelwa kwa dikoleng. A re batsadi ba ele tlhoko mafoko a ba a buang fa ba na le bana. Mo go tse dingwe o boletse gore tiriso ya thupa ke barutabana e emisitswe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Digawana
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Apr 2025