Breaking News

Puso e inaakanya le IFAD go nonotsha temo-thuo

15 Apr 2025

Mopalamente wa kgaolo ya Mmathethe/ Goodhope ebile e le motshwarelela tona wa lephata la Lefatshe le Temo-Thuo, Dr Edwin Dikoloti a re puso e inaakantse le lekalana la International Fund for Agricultural Development (IFAD) go ruta Batswana methale ya go dira madi ka temo-thuo.

Dr Dikoloti o buile se bosheng kwa phuthegong ya kgotla kwa Digawana a supa fa IFAD e tlaa  nna karabo ya letlhoko la ditiro mono gae.

A re bodiredi jwa IFAD ke bo mankge mo go tsa temo-thuo go tswa mono le kwa mafatsheng a mangwe. O boletse fa se, se tlaa tsamaelana le molawana wa temo-thuo (Agricultural Policy) a re Batswana ba tshwanetse ba leme ka go tlhaloganya fa go na le dikgwetlho jaaka seemo sa phetogo ya loapi.

Mo go tse dingwe, Dr Dikoloti o boletse fa maikaelelo e le gore mo dingwageng tse tharo tse di tlang, Botswana Meat Commission (BMC) e bo e le mo Botswana Stock Exchange le London Stock Exchange. A re go dirwa dithulaganyo tsa gore nama ya BMC e e rekisiwang kwa mafatsheng a sele, e e ntseng e romelwa ka sekepe mme seo se bake tiego, jaanong e romelwe ka sefofane gore e goroge ka bofefo.

Dr Dikoloti gape a re kgwebo ya bo mmantshé e bogadi bogaufi, mo e tlaa reng mo ngwageng o o tlang go bo go na le kwa di otlelwang teng gore nama ya teng e rekisiwe kwa mafatsheng a sele. O tlhalositse fa Botswana a tsaya maemo a ntlha mo go laoleng matlhoko a leruo. A re letlhoko la metsi a a nosang leruo le a tshwenya mme go tshwanetse ga katololwa matamo mo kgaolong gore a tshware metsi a pula, tiro e a reng e ka dirwa ka madi a dikgaolo a ditlhabololo.

Mogolwane go tswa IFAD mono gae, Mme Edith Kirumba o boletse fa IFAD e itebagantse le go thusa temo-thuo ka madi, go e tlhabolola. A re maikaelelo ke go bona Batswana ba inaakantse le thuo e e tlhabolotsweng, segolo jang banana ba ba tlhokang kitso le madi go tokafatsa matshelo.

Dr Minah Mosele go tswa kwa National Agricultural Research and Development Institute (NARDI) ene o supile fa balemi ba kgona go lema ba bo ba roba dijo tse dintsi mme ba sa itse gore ba ka dira eng ka tsone mme a gakolola gore go kabakanya dijo go ka bula diphatlha tsa mebereko. O supile gape gore ba tlhame makgotla le dikoporase, ba nne moono mongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Digawana

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Apr 2025