Ba tsweletse ka go tseelwa madi ka boferefere
15 Apr 2025
Dikgang tsa batho ba ba tseelwang madi ka boferefere di tsweletse ka go ntsifala e bile di a tshwenya.
Mookamedi wa mapodisi a Palapye, Superintendent Koziba Phuluweni a re ntswa mapodisi a tsibosa setshaba ka dikgang tse, batho ba tsweletse ka go tsiediwa. O ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Palapye bosheng, jaaka mopalamente wa Palapye Rre Onneetse Ramogapi a ne a buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe.
O tlhalositse fa mo dikgannyeng dingwe, bangwe ba tseetswe madi a a ka tshwarang bo P400 000 e le dikatso tsa go tlogela tiro. A re bontsi jwa dikgang tse, di simolola yo o tseelwang madi a bolelelwa fa a gapile madi mangwe mme a felele a dumela gore o fentse kgaisanyo golo gongwe ntswa a ise a e tsenelele. Ka jalo o ne a ikuela mo setshabeng go tsibogela dikgang tse. O ne a ba gakolola go ela tlhoko gore ga ba abalane le ope sepe se se ka ba bayang mo diphatseng tsa go tseelwa madi.
Supt Phuluweni o ne gape a supa matshwenyego ka dikgang tsa dipolaano tsa baratani, a supa fa di ile magoletsa mme mo dinakong tse dingwe di simolola kwa lwapeng, batsadi ba leka go letlanya bana mme ba sa tsibose mapodisi go bo go felela go bolaanwa.
E ne e rile go le pele Rre Ramogapi a lekodisa banni ba Palapye fa puso e tsweletse ka go dira maitlamo a yone a e neng ya a solofetsa Batswana e bile tema e setse e bonala fela thata. O ne a nankola dingwe tse puso e setseng e di fitlheletse. A re bagodi ba setse ba simolotse go amogela P1 400 kgwedi eno e simologa ka madi a bone a ne a okediwa go tswa mo go P830.
O ne a kopa ba ba dirang mo lenaneong la Ipelegeng go dira sentle le bagodi le gore ba seka ba ba koba mo lenaneong leo. A re bangwe go setse go utlwala fa ba batla go koba bagolo mo Ipelegeng e bile ba ba bolelela dipuo mme a supa fa le bone ba na le tshwanelo ya go dira kwa Ipelegeng ka go ise go fetolwe sepe.
Rre Ramogapi o ne a supa gape fa puso e ntshitse lenaneo la gore Motswana mongwe le mongwe a nne le sebaka sa go nna le bonno le le bidiwang Bonno Turn Key Housing Scheme le mo go lone go tlaa agwang matlo a le 100 000 mo dingwageng tse tlhano.
O ne a itsese banni fa lenaneo le, le akaretsa mongwe le mongwe mme batho ba ba nang le letseno le le kwa tlase ba tlaa sekasekwa gore ba kgone go ikagela. O ne a supa fa puso e fokoditse dituelo tsa metsi ka 30 per cent e bile dikoloto tsotlhe tsa metsi di kgaotswe ka bogare gore Batswana ba kgone go di duela ba bo ba simolole dituelo tsa metsi sesha.
Ka jalo Rre Ramogapi o ne a supa fa puso e amogela dikgakololo tse di agang mme a ba kopa go nna pelotelele ka tsotlhe tse puso e di ba solofeditseng. O ne a itsese banni fa kokelo ya Palapye e tlaa agwa le fa go santse go na le tiego ya ditsamaiso dingwe, a tlatsa ka go re dikago di tlaa simololwa mo sebakeng se se sa fediseng pelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Apr 2025