Breaking News

Balemi ba ikuela ka tshenyo ya diphologolo

15 Apr 2025

Balemi-barui ba kgaolo ya Kokong ba ikuetse ka diphologolo tsa naga tse ba reng di ba senyetsa mo masimong. 

Ba ntshitse ngongorego mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng/Mabutsane, Rre Omphemetse Kwapa kwa Kokong maabane, ba tlatsa ka gore ba lephata la diphologolo ba maoto a tshupa go tsibogela dipego tsa tshenyo.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kenyatsegile Mabanebane a re balemi-barui ba jesediwa mo kgobedung ke diphologolo tsa naga, mme go tsaya lebaka gore go tsibogelwe dipego tsa tshenyo eo.  A re gape ba kopa puso gore e sekaseke dikatso tsa phimolo dikeledi ya tshenyo ya diphologolo ka jaana e le kwa tlase thata. E rile a mo tlatsa, Rre Otshwailwenyana Tlhogonyane a tlhalosa fa seemo seo se tsere phekelo e sele ebile se koafatsa maiteko a bone a go ijesa.

“Re senyediwa ke diphologolo mo masimong mme le fa re ikuela go sena yo o tsibogang. Le fa o re o a iteka ka go lema, maiteko a gago a kgaupediwa ke tsone diphologolo mo masimong,” a tlhalosa.

Fa a ba kgwa dikgaba, mogolwane kwa lephateng la diphologolo le makgabisa naga, Rre Paul Makarapa, o ne a amogela fa maiteko a bone a go laola tshenyo ya diphologolo le go tsibogela dipego a sa lekana, ka jaana ba tlhaelelwa ke bodiredi le didirisiwa. 

A re ba a tle ba dire maiteko ka go fokotsa diphologolo gore di seka tsa kgobokana mo lefelong le le lengwe, mme seemo seo se ntse se a ba hekeetsa. Le fa go ntse jalo, o ne a ba kopa gore ba seka ba fela pelo mme ba tswelele ka go bega tshenyo gore ba kgone go thusiwa. 

O ne a ba rotloetsa go baya bosupi sentle fa ba santse ba letetse go thusiwa, gore dikgang tsa bone di tle di tlhotlhomisiwe sentle. Mo godimo ga moo, Rre Makarapa o ne a ba tsibosa gore ga se diphologolo tsotlhe tse di phimolelwang dikeledi. O ne gape a ba gakolola gore molao o ba letla go iphemela ka go bolaya diphologolo fa di ba senyetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Kokong

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Apr 2025