Breaking News

Tona o kgothatsa bodiredi

14 Apr 2025

Tona wa Lephata la Ofisi ya ga Tautona, Rre Moeti Mohwasa o kgothaditse bakwaledi le bagolwane ba lephata la gagwe go nna boineelo le go bereka ka natla. 

Rre Mohwasa o ne a bua se kwa moletlong o o neng o tswala thuto dipuisanyo ya malatsi a mararo e maikaelelo a yone e neng e le go sekaseka se lephata le se kgonneng le go sega tema go ya kwa dingwageng tse di latelang.

Rre Mohwasa o tlhalositse fa puso e dirile ditsholofetso tse e eletsang go di direla setshaba mme e ka kgona fela fa e tshwaraganetse tiro e le ba-na-le seabe jaaka bodiredi jwa puso. O tlhalositse fa badirelapuso e le bone leitlho la puso, ka jalo e le bone ba tshwanetseng go tlhomamisa gore ditlamelo di goroga kwa setshabeng ka nako. 

O ne a ba kgothatsa go ipeela seelo sa go dira ditiro tsa puso ka seo se ka thusa thata gore ditiro di wediwe ka nako, a tlhalosa fa setshaba se solofetse go le go ntsi mo go bone. Rre Mohwasa o ne a ba rotloetsa go ya go diragatsa tse ba di dumalaneng le go tlhomamisa gore setshaba se akola meamuso ya puso ka go lekalekana. 

Le fa go ntse jalo, o ne a re go botlhokwa gore bodiredi bo tsibogele dilelo le dingongorego tsa ba ba ba eteletseng pele. E ntse e le gone kwa moletlong oo, bagolwane ba lephata ba ne ba kgobokanya madi a a kana ka P10 250 go a abela Rre Emmanuel Sam wa kgaolo ya Distance kwa Selebi Phikwe. 

Madi a, a ya go thusa go tlhabolola ntlo ya ga Rre Sam wa dingwaga tse di magareng ga 65 le 70, ka ntlo ya gagwe e setse e senyegegile mme a sena bokgoni jwa go e baakanya. Madi a ne a amogelwa ke ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Oageng Makgosa, boemong jwa ga Rre Sam yoo solofeditseng fa madi a tlaa dira tiro e e a lebaneng. 

Rre Makgosa o ne a lebogela bopelontle jo bo dirilweng ke badiri ba lephata la Ofisi ya ga Tautona, a tlhalosa fa se, se setse morago maitlamo a Tebelopelo ya Setshaba ya 2036, a go tlhokomela ba ba tlhokileng lesego. O kaile fa e le ruri moeteledi a tshwanetse go bonwa ka ditiro tsa gagwe tse dintle, mme a ba kgothatsa go tswelela ba tsenya letsogo fa ba bonang go na le botlhoki teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Moletlo

Date : 14 Apr 2025