Breaking News

Kgosi o rotloetsa poloko ya ngwao

14 Apr 2025

Kgosi Khama IV wa Bangwato o solofeditse Bakhurutshe fa bogosi bo itlama go somarela ngwao ya Setswana.

O buile jaana kwa phuthegong ya kgotla kwa Tonota fa a ile go lekola morafe bosheng. O ne a tlhalosetsa morafe fa go tlaa tlhangwa dikomiti tse di tlaa thusang go tsamaisa ditiro mo motseng jaaka komiti ya tsa ngwao, e e itebagantseng le go ruta bana ka tsamaiso le mekgwa ya Setswana.

Kgosi Khama a re go tlaa nna le malatsi a go ipelela ngwao, kwa e leng gore bana ba ka ithuta ka ngwao teng, a tlatsa ka gore go ka nna le buka le tsebe ya maranyane a Facebook kgotsa website tse di tshwereng dikitsiso ka Tonota. O ne a tlhalosa fa ditlamelo tseo di tlaa nna le dikitsiso gape ka matlotlo a tlholego gore a fitlhelwa fa kae sentle mo motseng ga mmogo le go itse ka tsa maroko, itloso bodutu le tse dingwe.

Kgosi Khama a re o tlaa bua le borangwaneagwe a ba kopa go kopana le magosi a mangwe gore go tsosolosiwe mephato mo motseng.

O bile a re go tlaa nna le komiti e e okametseng tsa boranyaneng le ditlhaeletsanyo, a tlatsa ka go re komiting eo e tlaa be e tlhame seromamowa sa Bangwato go rotloetsa ngwao. A re seromamowa se se ka tshameka mmino wa Ga mma Ngwato, ga bo ga buiwa teme eo, e le ntlha ya go boloka ngwao.

Kgosi Khama o ne a bolelela morafe fa komiti e nngwe e tlaa itebaganya le tsa batho ba ba tlhokileng lesego le ba ba dikobo dikhutshwane. O boletse fa a tlaa tswelela go thusa ba ba dikobo dikhutshwane ka dikobo, dijo le diaparo.

Kgosi Khama o ne a tlhalosa fa go tlaa dirwa tse dingwe dikomiti jaaka tsa banana, bojanala, temo-thuo ga mmogo le tse di itebagantseng le dikago le ditlhabololo. O ne a kopa morafe gore dikomiti tse, di tlhangwe ka maloko a farologanyeng a akaretsa banana ga mmogo le bo mme.

E ne ya re pele ga a amogela baeng mo kgotleng, Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota a tlhalosa fa go le matshwanedi go somarela ngwao, a rotloetsa morafe go itse le go tlhaloganya ka ditso tsa one, a rotloetsa balemi le barui go dira ka natla gore morafe o kgone go itirela.

O ne gape a re se se tshwenyang mo motseng ke bana ba ba golang ntle le go itse kwa ba tlholegang teng. Kgosi Radipitse a re go botlhokwa gore ngwana a itse kwa a tlholegang teng gore a nne le kitso ka mokgwa, tsamaiso le molao wa gagabo. A re go dira jalo go ka thusa thata mo maitsholong a bana.

Morafe o o neng o tseneletse phuthego eo, o ne wa supa boitumelo tebang le go bo Kgosi Khama a ba etetse, ba supa fa se e le tshimologo ya tse di molemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : Tonota

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Apr 2025