Itseng melawana ya theko go tlhofofatsa tiro ya badiri
14 Apr 2025
Mokwaledi wa lephata la merero ya Ofisi ya ga Tautona, Mme Goitsemang Morekisi o gateletse botlhokwa jwa go itse melawana ya theko le thekiso ya dithoto tse di dirisiwang ke maphata a puso.
Mme Morekisi o buile jalo bosheng mo bokopanong jo bo neng bo tsenwe ke bagolwane le bakwaledi ba maphata a a ka fa tlase ga Ofisi ya ga Tautona. A re go itse ka melawana ya thekiso go ka tlhofofatsa tiro ya badiri ba diofisi tse di lebanweng ke go reka dithoto tse di tlhokwang, selo se a supang fa se ka hema tiego ya go rolwa ga dithoto tse di rekilweng.
A re go itse ka melao eo go ka thusa thata gore theko le thekiso e dirwe ntle le makgwere ape gape e direlwa mo molaong le mo pontsheng. A re seo gape se ka fa badiri sebaka sa go reka dithoto tsa boleng jo bo kwa go dimo, se be se fe le bone barekisi sebaka sa go phadisanya go dira le go rekisa boleng jo bo amogelesegang. O bile a supa fa go dira jalo go ka rotloetsa boikarabelo jo bo eletsegang jwa go direla mo pontsheng.
Go sale foo, Mme Morekisi o ne a gakolola bagolwane ba maphata go itepatepanya le diphetogo tsa sesha, a re go botlhokwa go itse ka tiriso ya maranyane a sesha, selo se a supileng fa se ka fefosa tiro le gone go gorosa ditirelo tse di maleba kwa setshabeng.
Mme Morekisi o ne a gakolola bagolwane ba maphata go nna baeteledipele ba boleng le bokao jo bo kgatlhang, a re ba tshwanetse go seegela tsebe dilelo tsa badiri ba bo ba potlakele go di rarabolola ba sa tsee letlhakore.
Fa a tswa la gagwe, ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Oageng Makgosa o supile botlhokwa jwa go golagana ga makalana a a ikemetseng le puso, a re go dira jalo go ka dira pharologanyo mo mererong ya go isa ditlamelo kwa setshabeng.
A re mangwe makalana a ka dira pharologanyo mo go godiseng itsholelo, selo se puso e se tlotlomaditseng e le nngwe tsela ya go diragatsa maitlamo a yone go fitlhelela dingwe dikeletso tsa Batswana.
Maikaelelo a bokopano jo, e ne le go fa bagolwane le bakwaledi sebaka sa go itshekatsheka, go bona tse ba di kgonneng mo ngwageng o o fetileng le gone go batla maano a a tlaa ba thusang go tswelela ba rarabolola dikgwetlho tse di ka tlhagogang jaaka ba tlaa bo ba isa ditirelo kwa setshabeng.
Go sa le foo, bokopano joo bo ne bo rotloetsa go dira ditshekatsheko, go tsaya ditshwetso tse di maleba mo mererong ya ditogamaano tsa bolesome le bobedi. (NDP12). BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Bokopano
Date : 14 Apr 2025