Kgosi o lela ka seemo sa ditsela tsa masimo
14 Apr 2025
Kgosi Ditshwanelo Makwati wa kgotla ya Teko kwa Serowe a re seemo sa ditsela tsa masimo a Mogatsapoo ga se itumedise.
O buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi bosheng. Kgosi Makwati a re ditsela tse di yang masimong a Mogatsapoo le Tshetlong le metshela kgabo di senyegile mo go dirang gore mesepele ya go ya masimong e nne bokete. O kopile puso go tsibogela seemo se, ka ba beile matshelo a bone kwa masimo.
E rile a lekodisa mopalamente, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Lontone, Rre Tshepo Moloi a re e le komiti ba kgonne go baakanya matlo a a bapileng le sekole se se potlana sa Tshekedi, ba a tsenya le dithibela magodu gore banni ba nne ka tshosologo. Rre Moloi o supile gape gore ba kgonne go tsenya dithibela magodu kwa ntlo-lehalahala ya bone.
A re ba ile ba kgona go baakanya sekole sa bananyana se se bapileng le sekole sa Tshekedi, ebile yo o se dirisang a ile a kgona go fiwa teseletso. Rre Moloi o ile a supa gore le bone e le komiti ba na le matshwenyego a ba kopanang le one mo kgaolong, a supa fa sekole sa Tshekedi se le makgasa, go sena ditilo le fa e le ditafole. A re khansele e kgobokanya makgasa ao mo sekoleng mme se, se baya matshelo a bana mo diphatseng.
E rile a ba kgwa kgaba, mopalamente Lesedi a supa fa diemo tsa ditsela tsa kwa masimong di sa dirwa mathata e le gore diemo tsa dipula di diragetse ngwaga wa puso wa madi o le gaufi le go fela. Mopalamente Lesedi o ile a kopa khansele go tsaya paakanyo ya dikole ka tlhoafalo.
A re puso e tsenye mo di tumalanong le ba khampani ya motlakase kwa Aforika Borwa gore ba ba rekisetse motlakase mme ba dumalana, ke ka seo mo malatsing a a fetileng motlakase o ne o sa kgaoge. Rre Lesedi o ne a kopa bagodi go tshwara madi a bone sentle, ebile ba itshireletse mo magotswaneng a a tletseng gongwe le gongwe. A re go botoka ba dira thulaganyo ya go amogelela kwa bankeng go na le go a tsaya otlhe kwa posong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : Serowe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Apr 2025