Maphata a tsibosa ka botlhokwa jwa go ja sentle
14 Apr 2025
Komiti ya botsogo ya maphata a madi, Omang, diphologolo le bodiredi kwa Letlhakeng ba ne ba dirile dijo tsa motshegare ka Labotlhano go tsibosa badirelapuso ka botlhokwa jwa go ja sentle.
Modulasetilo wa komiti eo, mogolwane go tswa kwa Lephateng la Diphologolo Rre Gabriel Gami, o ne a tlhalosa fa maikaelelo a tiro eo e ne e le go ikgakolola botlhokwa jwa go ja sentle. Rre Gami o ne a tlhalosa fa badirelapuso ba rata dijo tse di mafura mme di sa siamela mebele ya bone.
Mogolwane go tswa ofising ya ditirelo tsa HIV/AIDS, Rre Kennedy Dintwe, a tlhalosa fa puso e letlelela badirelapuso go nna le dikomiti tsa botsogo kwa tirong, gore ba itshidile mmele le gone go nna ba itekanetse mo tirong. Rre Dintwe o ne a tlhalosa fa badirelapuso ba nna nako e ntsi kwa tirong, a supa gore fa modirelapuso a sa tsoga sentle, o kgona go tlhasela batho ba sa mo dira sepe.
Sebui sa tlotla go tswa kwa lephateng la Botsogo, Rre Kelebile Kefitlhile o ne a supa gore fa batho ba sa ele tlhoko gore ba ja eng, ba tlaa nna le mathata. Rre Kefitlhile o ne a tlhalosa fa dilo tse dintsi di fetogile, malwetse a a sa tshelanweng a gola thata mme a bakwa ke go tlhoka go ja sentle le go tlhoka go ja dijo tse di senang moroko le gone go tlhoka go itshidila.
Mogolwane o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go itshidila mmele, a supa fa dijo di e fa maatla, mme maatla a fa a nna mantsi mo mmeleng a iphetola mafura, mafura fa a nna mantsi mo mmeleng a thiba ditshika mme kwa phelelong motho o ka swa mhama. Rre Kefitlhile o ne a supa fa malwetse a tshwana le a madi a matona, a pelo, a sukiri, a kankere, go bipelwa le monono a tshwenya.
O ne a tlhalosa fa go na le malwetse a a dirang gore ngwana a gole mo go feteletseng, ke sone se go bewang botsogo jwa ngwana fa a le monnye leitlho. O ne a tlhalosa fa go itshidila mmele go bula tlhaloganya, a bo a supa gore go botlhokwa gore mmereki a batle nako ya go itshidila gore a nne le botsogo jo bo siameng.
Rre Kefitlhile o ne a supa fa go le botlhokwa go ja maungo le merogo le go ja nama e e senang mafura gape e se ntsi. O ne a tlhalosa gape fa letswai le lentsi le le borai, bogolo jang fa le sa butswa. O kopile batho gore fa ba aja nama ya koko, ba ntshe letlalo ka le na le mafura a mantsi le gone gore ba nwe metsi a mantsi.
Mogolwane o ne a supa gore go nwa metsi a mantsi go thusa go sila dijo sentle mo mmeleng. O ne a ba kopa gape go ja dioura di le nne pele ga ba robala. O ne a ba gakolola gape gore ba seka ba anwa dipilisi le melemo e e rekisiwang ke batho ba sa itse botsogo jwa bone, a tlhalosa fa go dira jalo go kgona go koafatsa diphilo.
Fa a leboga, mogolwane go tswa kwa lephateng la diphologolo, Rre Keemenao Ragontse, o ne a supa fa ba ithutile go le gontsi, mme fela jaaka gale, borre ba saletse kwa morago mo go tsa botsogo. O ne a supa fa Batswana ba kile ba ne ba aja digwere le maungo mme ba kgona go tshela lebaka le leleele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 14 Apr 2025