Breaking News

Borukutlhi jwa tsietso bo a gola kwa Kanye

13 Apr 2025

Mapodisi a Kanye a sweleswetana le namane e tona ya borukutlhi jwa tsietso.

Bosheng jaana rre mongwe wa dingwaga tse di ka tshwarang masome matlhano wa kgaolwana ya Ntsweng mo Kanye o ne a thukuthwa madi a a ka tshwarang P300 000.

Se se tlhalositswe ke mookamedi wa mapodisi a Sejelo Rre Mogomotsi Matlapeng mo potsolotsong le BOPA bosheng.

A re rre yo o utswetsweng yo, o begetse ba sepodisi fa a ne a neela dilalome madi ka lebogo makgetho a le mmalwa.

A re o kopane le mongwe wa dilalome tseo ntle le go lemoga sepe ngwagatlola ka Phukwi fa a ne a tswa mmerekong.

Ga twe selalome seo se ne sa mo tlhalosetsa fa se batla mongwe yo o thusang batho ka tsa semowa gone mo tikologong ya kwa mmerekong.

E rile fela jaaka a latola ga bo go tlhaga monna mongwe yo o neng a ikaya fa a itse ka yo o batlwang mme a ba kaela kwa a leng teng.

Yo o thukuthilweng go bolelwa fa a ne a nna le kgatlhego ya gore le ene a thusiwe. Ka go rialo o ne a tsamaya le bone kwa go neng go kaiwa teng a ba a amogana dinomoro tsa mogala le bone, mme a felela a ba neela madi ka lebogo go ya ka ditumalano tsa bone.

“Motswasetlhabelo o tlhalosa fa a ntshitse madi a a ka tshwarang dikete tse di makgolo mararo tsa dipula mo makgethong a a farologanyeng gammogo le mogala wa letheka,” Ga tlhalosa Rre Matlapeng.

Ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi di santse di tsweletse go batla dilalome, mme kgakololo ke gore setshaba se itlwaolole mokgwa wa go dira ditumalano ntle le bosupi bope. 

Rre Matlapeng a re fa batho ba batla thuso ya semowa ba inaakanye le dikereke tse di itsegeng ba kope merapelo le dikgakololo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 13 Apr 2025