Kgosi Moalosi o etelela pele Bahurutshi ba Mogonye
13 Apr 2025
Banni ba Mogonye ba ne ba tshologile peo ya ga Kgosi Katlego Moalosi, e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya motse oo, ka Labotlhano
Kgosi Moalosi o tlhomilwe go etelela pele Bahurutshi ba Mogonye, ke malomaagwe, Rre Malefo Matshitsa le borangwaneagwe mo moletlong o o neng o ngokile magosi go tswa metseng e e mabapi le bodiredi jwa puso le morafe.
Mo mafoko a kamogelo, Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana o tlhalositse ka ditso tsa Bahurutshi a gakolola gore, go botlhokwa gore morafe o itse ka ditso tsa o ne gore dikokomane di tle di nne le lesedi ka ditso tsa bone.
A re matlhogoputswa ba ba sa leng teng, ba tswelele ka go kwala le go ruta morafe ka ditso.
Kgosi David Toto II wa Tsabong o ne a laya Kgosi Moalosi ka go mo rotloetsa gore a etelele pele motse wa gagwe ka bonatla, a supa fa tiro ya kgosi e le go aga le go kitlanya setshaba.
A re a seka a inaakanya le sepolotiki, a seka a nna maikgantsho, a tlotle morafe ka gore fa a dira jalo, morafe o tlaa mo tlotla go feta.
Kgosi Toto a re kgosi ke mosireletsi wa ngwao mme a kgothatsa Kgosi Moalosi go tswelela ka go sireletsa ngwao le go rotloetsa morafe go dira jalo. O ne gape a gakolola Kgosi Moalosi gore a nne pelo telele ebile a eme morafe wa gagwe nokeng ka nako tsotlhe, a re a e le tlhoko tse di ka mo tsenyang mo mathateng jaaka tshenyetso setshaba.
A re a nne kelotlhoko ka dinako tsotlhe mme fa go tlhokega, a kope thuso go tshereganya.
Fa a amogela thomo, Kgosi Moalosi o lebogile morafe ka tshepho e ba e beileng mo go ene, a bo a kopa thotloetso ga mmogo le tshwaragano ya morafe.
Kgosi Moalosi o tshepisitse morafe fa a tlaa bereka le bone ka lorato, bonatla, botswapelo, botswerere, bopelotelele le ka tekatekanyo.
Kgosi Moalosi ke ngwana wa ga Rre Boenyana Moalosi le Mme Alphonsinah Moalosi kwa kgotleng ya Kgosing kwa Mogonye. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Marvin Motlhabane
Location : Mogonye
Event : Peo ya kgosi
Date : 13 Apr 2025