Breaking News

Puso e tlaa tswelela e tokafatsa matshelo

13 Apr 2025

 Puso e itlamile go tswelela e dira maano le maiteko a a tlaa tokafatsang matshelo a Batswana.

Tona wa merero ya Ofisi ya Tautona, Rre Moeti Mohwasa o buile jalo ka Labone kwa kwa bokopanong jo bo neng bo tsenwe ke bagolwane ga mmogo le bakwaledi ba maphata a a farologaneng a a ka fa tlase ga Ofisi ya ga Tautona mo Selebi Phikwe.

A re puso e tlaa tswelela e dira ka gotlhe go tla ka maano a go tswakanya itsholelo le gone go e godisa a tlatsa ka go re go dira jalo go ka dira pharologanyo tebang le maiteko a puso e tshephisitseng go a dira a go dira dingwe ditiro tse di ka thusang go tlhabolola matshelo a Batswana.

Tona Mohwasa a re dingwe tsa ditiro tse di ka thusang go tlhabolola matshelo di akaretsa go tlhama mebereko, go tokafatsa ditirelo tse di fiwang Batswana, go dira ditsela le tse dingwe ka go farologana.

Rre Mohwasa o ne a kgalema dikgang tsa tshenyetso setshaba mo maphateng ka go farologana, a re e busetsa maiteko a puso morago. A re go botlhokwa gore badiri ba diofisi ka go farologana ba iphaphe mo go sepe se se ka rotloetsang mokgwa oo.

Rre Mohwasa o bile a akgola bagolwane ba diofisi tse di welang ka fa tlase ga Ofisi ya ga Tautona, a ba gakolola gore ba dirise bokopano jo go itsaya motlhala, go atla tse ba di kgonneng le gone go batla tharabololo ya dikgwetlho tse di tsweletseng ka go tlhagoga.

Rre Mohwasa a re go botlhokwa gore itshekatsheko e bagolwane bao ba e dirang e amane le maitlamo a puso e tsweletseng ka go a diragatsa, go itepatepanya le dikeletso tsa Batswana.

Go sale foo, Rre Mohwasa o kopile banni ba Selebi Phikwe le metse e e mabapi go ititaya ka thupana, a re jaaka puso e dira ka gotlhe le bone ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore ba tsaya karolo.

A re e re ntswa toropo eo e ne ya welwa ke seru sa go tswalwa ga moepo wa BCL, go na le dingwe tse ba ka itekang lesego mo go tsone di akaretsa temo. ENDS

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Selebi Phikwe

Event : Bokopano

Date : 13 Apr 2025