Breaking News

Kotsi ya tsela e gapa matshelo

10 Apr 2025

Rre wa dingwaga tse di masome a supa le botlhano, le yo mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro le bosupa ba tlhokafetse mo kotsing ya tsela e e diragetseng fa gare ga Ditshegwane le Sesung, ka Labobedi.

Motshwarelela mogolwane wa mapodisi kwa Letlhakeng, Assistant Superintendent Lekopanye Molwantwa o tlhalositse fa koloi ya setshaba e e neng e pegile bapalami ba le lesome le borataro go balelwa mokgweetsi, e ne e ya Takatokwane, mme ya thunya thaere  ya bo e pitikologa.

A re bapalami ba robabobedi ba ne ba ragosediwa kwa kokelwaneng ya Letlhakeng ka dikgobalo tse di masisi, kwa ngaka a fetileng a rurifatsa fa rre wa dingwaga tse di masome a supa le botlhano a tlhokafetse.

Asst Supt Molwantwa a re ba le supa ba ne ba fetisediwa kwa Scottish Livingstone kwa Molepolole kwa rre wa dingwaga tse masome a marataro le bosupa a neng a feta a tlhokafalela teng.

 Bangwe ba ba neng ba bone dikgobalo tse dipotlana le bone ba ne ba isiwa kwa Scottish Livingstone.

Asst Supt Molwantwa o gakolotse bakgweetsi, bogolo jang ba dipalamo tsa setshaba go tlhomamisa fa dikoloi di itekanetse pele ba tsena mo tseleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Interview

Date : 10 Apr 2025