Ba kopa go boela CKGR
10 Apr 2025
Banni ba New Xade ba ba fudugetseng mo motseng oo ka 1997, ba kopile puso go ba busetsa kwa mafelong a bone a tlholego.
Ba buile se, ka Laboraro kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona Advocate Duma Boko go kopana le go tsaya maikutlo a Basarwa morago ga phuduso kwa New Xade.
Kgosi Lobatse Beslag o tlhalositse fa New Xade a motse tlhomilwe ka 1997, mme a supa fa phudugo eo e ise e robalelwe ke ditlhokwa ka ba ne ba lemoga fa gore ditshwanelo tsa bone di ne di di le ka fa mosing.
Ka jalo, o ne a gatelela kgang ya gore ba eletsa gore puso e ncha e sekegele tsebe dikgang tsa ditshwanelo tsa setho.
Kgosi Beslag o ne a tlhalosa fa ditlhabololo kwa motseng wa bone di tlhaela mme ba na le tsholofelo gore lekoko le tlaa tla ka ditharabololo.
Rre Kelebonye Jumanta o ne a gwetlha lekoko go netefatsa gore ba tlhotlheletsa go fetolwa ga molao motheo gore melawana e mengwe e tsamaelanane le matshelo a banni gore a tokafale.
O kopile lekoko go bereka le makgotla a a ikemetseng a ditshwanelo tsa Basarwa gore ba kgone go bopa tsela ee lolameng ya go letlelela banni itlhophela kwa kwa ba eletsang teng ntle le sekgoreletsi sepe.
Mo go tse dingwe, banni ba kopile puso go ba busetsa CKGR ka gore bone ba tlwaetse go tshela botshelo jwa bone mme ba re sebe sa phiri ke letlhoko la metsi koo.
Ba ne ba supa fa phudugo eo, ba tlaa nna kelelelo gore ga ba phatlalale le CKGR, a re bogolo ba fiwe lefelo mo teng ga CKGR ba bo ba neelwa ditlamelo foo.
Ba re go dira jalo, go tlaa thusa go bolokela puso madi le go thusa seemo se puso e mekamekaneng le sone mo nakong eno.
Ba ne ba gakolola gore puso e ka tla ka methale ya go phatlalatsa metsi go tswa Kwa Gope le mafelo a mangwe.
Ba supile fa ba na le kitso e e tletseng ya go itse go tshela mo lefelong leo ka jaana ba na le ditsa tlholego tse di mo tikologong e bile ba na le kitso ya go di somarela gore di seka tsa nyelela.
Mo mafokong a gagwe, Mokwaledi wa lephata la diphologo Rre Boatametse Modukanele o ne a gwetlha morafe go kopanela dikgang tse di ba amang e le banni ba kgaolo gore ba bue ka lentswe le le lengwe.
O ne a ba rotloetsa gore ba santse ba na le sebaka sa go sala ba dira mekwalo e e tlaa tlalaletsang se ba se amogetseng mo diphuthegong.
Fa a ntsha malebo, Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi Rre Shane Kebadile o ne a lebogela dikakgelo tsa banni mme a ba gwetlha go tswelela ba tshwaraganetse dikgang tseo go thusa puso go baakanya melao e e tsamaisang lefatshe
O ne a ba rotloetsa go dirisa dikitso tsa bone tsa tlholego Le ditsa tlholego go dira dikgwebo tse ka tsone ba ka tlhabololang matshelo a bone go nna a a itumedisang.
Phudugo ya Basarwa e tsile morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng ka matshelo a Basarwa mo lefelong la diphologolo la Central Kalahari Game Reserve(CKGR), ka dingwaga tsa 1990 go ya 2002.
Maikaelelo a phuduso e ne e le go atumetsa banni ditlamelo go tokafatsa matshelo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : New Xade
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Apr 2025