LentsweletauLephepe o humile ditsa tlholego-Bogatsu
10 Apr 2025
Kgaolo ya Lentsweletau/Lephepe ke kgaolo e e aparetsweng ke lehuma thata ntswa e le kgaolo e e nang le bokgoni jwa go ka intsha mo lehumeng. Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa kgaolo Rre Tshenolo Bogatsu, kwa moletlong wa go ipelela phenyo o o neng o rulagantswe ke mokhanselara wa Kopong West Rre Khona Rakhudu, ka matlhatso kwa Kopong.
Mopalamente Bogatsu o tlhalositse gore kgaolo e, e na le bojanala jo bo seng kana ka sepe jo bo simololang fela ka majwe a a fa gare ga Kopong go ya go tsena kwa motseng wa Lentsweletau. A re kwa Medie go na le magala a mo nakong ya gompieno a rekisiwang kwa ntle ga lefatshe leno. A re kgaolo ya Medie gape e na le megorogorwane e e ka dirang dino tsididi. A re kwa bokone jwa Medie go na le metse e metlhano e e itsegeng ka leina la LEBOSOSHALE e akaretsa Lephepe, Boatlaname, Sojwe, Shadishadi le Leologane. A re metse eo, ke metse e e kabong e humile thata go gaisa dikgaolo tse di kwa Kweneng ka gore e na le macha a le mane a a ka dirisiwang mo bojanaleng.
A re metse eo gape e na le dimela tse di ntsi di tshwana bo sengaparile tse di ka dirisiwang mo dilong tse di ntsi, a tlatsa ka gore batho ba ba rekang sengaparile mo kgaolong eo ba se tsaya ka ditlhwatlhwa tse di kw tlase. A re kgaolo e gape e na le lefelo le le bidiwang Thota ya Marula mme mo go yone thota e, go na le ditlhare tsa morula mme a tlhalosa gore morula o kgona go dira dilo tse di ntsi di tshwana diole, ditlolo, melora, dino le tse dingwe.
Ka jalo, Rre Bogatsu a re kgaolo e, e ne e tlhoka moeteledipele yo o ka emang ka dinao go bona gore dilo tse di a dirisiwa. Mopalamente a re o setse a buile le Tona wa Bojanala, Rre Wynter Mmolotsi, gore a etele kgaolo le ba lephata la gagwe go bona gore dilo tse di ka tsena jang mo tirisong.
E re ntswa go na le di trust tse di tlhokometseng matlotlo a, Rre Bogatsu a re ga go a lekana ka jaana di tlhoka go rutuntshiwa gore ba ka dirisa jang maungo le ditsa tlholego tse di fitlhelwang mo kgaolong ya bone gore ba kgone go fetlha mebereko.
A re se sengwe gape ke gore boeteledipele jwa sepolotiki jwa kgaolo, bo akaretsa makhanselara le komiti tsa ditlhabololo le mopalamente, ba dumalane gore ka lenaneo la madi a ditlhabololo tsa kgaolo (CCP) ba ye go tsaya lecha la Mokokong kwa Sojwe ba dire ditlhabololo tsa bojanala go agiwe matlwana a boroko (chalets) marekisetso a dijo, ntlha enngwe go lengwe go bo go tsenngwa diphologolo tsa naga (agro tourism) go bo go epiwa didiba tse pedi gore motsing lecha le kgadile ba kgone go nosetsa. A re ba dumalane gore go dirwe motshelo wa madi a ditlhabololo a dikgaolwana tse tharo gore madi a a kanang ka didikadike di le tharo (P3 million) go dirwe ditlhabololo tse mongwageng ono wa madi kwa lecheng gore bojanala bo tle bo tswelele.
Fa a bua ka magala a a kwa Medie, Mopalamente Bogatsu a re puso e tshwanetse ya dira madirelo a a fetlhang motlakase kwa Medie ka gore mo nakong ya gompieno go rekwa motlakase kwa Eskom kwa South Africa e bile madirelo ao, a ka hira batho ba ka tshwara 2 000. Fa a tswa la gagwe, Rre Rakhudu a re moletlo oo, o ne a o dira e le go leboga batlhophi.
Le fa go ntse jalo, a re o dumalane le makhanselara a kgaolo ya bone ka boraro jwa bone gore ba tshedisanye madi a ditlhabololo a kgaolo gore ba dire ditlhabololo tse di ka tsenyang madi.
Rre Rakhudu a re ka jalo P3 million wa ntlha o tla ya kwa kgaolong ya gagwe gore a baakanye holo ya sechaba gore dikereke le ditiro tsa morafe di kgone go tshwarelwa teng. A re maikaelelo a gagwe gape ke gore madi a a salang ba age matlo a phiriso gore ba kgone go dira letseno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Kopong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Apr 2025