A Ranyane a rurifadiwe jaaka motse
10 Apr 2025
Banni ba Ranyane mo kgaolong ya Ghanzi ba kopile lekoko le le seka sekang matshelo, dingwao le mafelo a Basarwa gore Ranyane a rurafadiwe jaaka motse.
Ba re fa Ranyane a tlhomamisitswe e le motse ba ka akola ditlamelo tsa puso le gone go itlhabolola.
Banni ba buile seo kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke ba lekoko le le le tlhomilweng ke Tautona Advocate Duma Boko.
Kgosi Serake Phuti wa Ranyane a re ba disitse marope a mabitla a boraabo mogologolwane, ke ka moo ba kopang gore ba tlhomiwe go nna motse.
O ne a supa gore banni ba Ranyane ba abetswe polasi mme jaanong e kgakala, ka jalo a kopa gore e atumediwe kwa motseng gore ba e dirise e le gaufi.
Kgosi Phuti a re ba itumelela lekoko leo le le tlhomilweng ke tautona e bile ba solofela go bona pharologanyo mo matshelong a bone.
Monni wa Ranyane, Rre Moeti Mojatse a re ba nna ka letshogo la gore ba ka nna ba fudusiwa mme jaanong go goroga ga lekoko leo go rerisanya le bone go ba fa tsholofelo gore ba tlaa bona ditlhabololo.
A re kgang ya puso ya gore ba fudugele kwa Bere e a tshwenya ka ba ne ba itsheka kwa makgotla tshekelong mme mme kgotla kgolo ya laola gore Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a latelwa ke ditlamelo ko a leng teng,
Rre Mojatse a re morago ga gore ba fenye kgang eo, puso e ne ya nna maoto a tshupa go diragatsa taolo ya lekgotla.
A re ba kopa go fiwa diteseletso tsa go tsoma fela jaaka ba ne ba di fiwa pele di tshwanetse tsa ntshiwa gape ka gore ga gona sepe se ba itshetsang ka sone.
A re motse oo, o kwa morago ka ditlhabololo, se se mo motseng oo ke diphologolo makgabisa naga, ka jalo ba kopa go fiwa tetla ya go itshetsa ka tse di fitlhelwang mo tikologong ya bone.
Mo godimo ga seo, a re puso ga e ba letlelele go fitlha baswi ba bone kwa Ranyane ka ba sa tlhomamisiwa e le motse, mme jaanong seo se tsosa dikgotlhang fa ba tlhokafaletswe ke ba malwapa a bone.
A re ba tshelela mo khumanegong ka ba ne ba fudusiwa mme ditlamelo ga di goroge.
Mo godimo ga moo, Rre Mojatse a re Ranyane o wela mo kgaolong ya Ghanzi mme o kgakala, ka jalo a kopa gore ba isiwe ka fa tlase ga kgaolo ya Charleshill go bona ditlamelo segautshwane.
Mme Mmakgomo Dithaba a re go tlhoka go rurifadiwa ga motse wa bone go dira gore ba tshelele mo tshotlegong mme seo se tswa kgakala ka ba gola ba fitlhela tshotlego eo.
Rre Condri Photshana ene o akgoletse puso go tla ka diphetogo tse ba di bonang go tokafatsa matshelo a Basarwa.
A re khuduga e na le dilabe tsa yone ka gore jaaka fa e sale ba fudusetswa kwa Bere, ba ne ba solofediwa dikatso dingwe mme ya re ba tsena koo ba seka ba ikutlwa ba amogelesegile mme ba boela legae la bone la Ranyane. Rre Moagisi Lemene o kopile gore kgaolwana ya bokhanselara ya Metsimantsho/Ranyane e ikemele ka mokhanselara wa yone ka jalo a kopa gore go boele jaaka go ne go ntse.
O ne a kopa gore ba direlwe lekgotla la motse le le ka gokaganang le la Bere gore morafe o kgone go akola diphologolo jaaka mafelo a mangwe ba kgone go itlhabolola.
Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Thabiso Kebadile a re puso e tseela ditshwanelo tsa batho botlhe kwa godimo go akaretsa le Basarwa.
O buile gore Ranyane o tshwanetse a tsena ka fa tlase ga kgaolo ya Charleshill e bile ba mo thulaganyong ya go tsena dipuisanyo le ba khansele ya Charleshill ka Ranyane go bona gore o ka bona ditlamelo jang segautshwane.
A re makgotla a morafe a Basarwa a na le letseno la madi le le nametsang, a supa jalo gore lekgotla la West Hanahai, East Hanahai, Kacgae e na le P4.5 million, fa Bere a na le P3 million e le madi a ba ka a dirisang go tlhokomela diphologolo.
Rre Kebadile a re Basarwa ba ka rutiwa go somarela diphologolo le go di tsadisa ba di ntsifatsa go bo go dirwa bojanala ka tsone mme seo se ka tlhabolola matshelo a bone.
A re mo pusong e ntsha, ba eletsa go tsweledisa tse dintle tse di fetileng mme ba tokafatse tse dingwe go tlhabolola matshelo.
Banni ba ne ba rolela lekoko leo le le eteletsweng pele ke mokwaledi mogolo wa lephata la molao le kago sesha ya magolegwa Mme Naledi Moroka, mokwaledi mogolo wa lephata la Lefatshe le temo-thuo Rre Kabelo Ebineng, mokwaledi mogolo wa lephata la merero ya tsa mafatshe a sele Rre Thuso Ramodimoosi, mokwaledi mogolo wa lephata la dipalamo le dikago Rre Kenny Ketshajwang le mogakolodi wa tsa semolao go tswa kwa ofising ya ga Tautona Mme Idah Motsamai.
Lekoko le patilwe ke Kgosi Lobatse Beslag wa New Xade le mokhanselara wa Central Kalahari Game Reserve ebong Rre Smith Moeti. ENDS
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Apr 2025