Breaking News

Kgokgontsho e batla go dikwa

08 Apr 2025

Dikgotlhang tsa mo malapeng di tlhoka go tsibogelwa go hema seemo go kekela.

  Tautona Advocate Duma Boko o buile jaana a itekodisanya le modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Malope II le mothusi wa gagwe, Kgosi Mbao Kahiko III kwa ofising ya gagwe maabane.

  Tautona Boko o ne a lebogela gore boeteledipele jwa magosi bo mo tlhodile jaana ka nako e Botswana le lebopo ka kakaretso di aparetsweng ke dikgwetlho tse di tlhokang go rarabololwa ke baeteledipele ba thulantse ditlhogo.

  Sengwe sa dilo tse Tautona Boko a kopang gore magosi a se emele ka dinao ke go lwantsha kgokgontsho ya mo malapeng. A re kgokgontsho e tsere phekelo e sele mo e setseng e nyenyafatsa setho mme e bile e itshupa ka masula a a akaretsang dipolao le dikgobalo tse di masisi.

  “Di re pateletsa go fetola ka fa re ntseng re dira dilo ka teng, maikaelelo e le gore re tshele le gone go tlamela le go dibela batho ba rona,” a tlhalosa, a tlatsa ka go re o tshwenngwa segolo bogolo ke gore kgokgontsho ya mo malwapeng e direlwa mo sephiring ka e ama banyalani kgotsa baratani.

  “Re tlamega go tshwaragana rotlhe le magosi go tla ka ditharabololo. A re sekasekeng seabe sa bogosi mo setshabeng. Bogologolo dikgosi di ne di tlamela le go thusa gore batho ba bolokesege. Bogosi e ne e le botshabelo jwa setshaba, ba ba tlhokang ba babaletswe ke dikgwetlho tsa botshelo ba ne ba tshabela kwa kgosing,” ga tlhalosa Tautona Boko.

  Le fa go ntse jalo, Tautona Boko a re o tshwenngwa ke gore seabe sa dikgosi sa go aga le go kaela setshaba tsela se lebega se ngotlega ka monokela. “Seabe sa lona se ngotlegile kana ga se yo gotlhelele. Go botlhokwa go itshekatsheka, fa go kgonagalang teng ra nonotsha seabe sa bogosi mo matshelong a batho. Baruti le dikgosi ba filwe boikarabelo jwa go aga malapa ka go tsamaisa manyalo, ka jalo ba tshwanetse go abelana maele a go lwantsha dikgotlhang tse di tlhagogang mo malapeng.”

  Tautona a re se sengwe se se tlhokang go sekasekwa ke gore makgotla e nne boremelelo jwa mananeo a puso a a tlamelang setshaba; bangwe badiredi ba boipelego ba ba lebaganyeng le go tsamaisa mananeo a a tlamelang setshaba ba berekele ka fa tlase ga dikgosi ka jaana dikgosi di na le kamano ya motia le morafe ka e bile ba kgona go senola bonolo dikgwetlho le mathata, ka jalo ba thuse mo go fefoseng go tsamaisa mananeo a tlamelo.

  Tse dingwe dikgang tse Tautona a di beileng marara pele ke tsa gore ‘dithuso tse re ntseng re di bona go tswa kwa mafatsheng a mangwe di tlaa ngotlega kana di eme gotlhelele, seemo se se re tlamang go tswa ka tharabololo’. A re dingwe tsa dikgwetlho tse di ama tirisanyo ya Botswana le mafatshe a mangwe.

   “Ke megopolo e ke e bayang fa pele ga lona gore re e sekaseke ka gore tshaba ya rona e mo mathateng,” ga tlhalosa Tautona Boko, a tlatsa ka go re tsamaiso ya bogosi, dikgosi le dikgotla di tshwanetse tsa tsholediwa serodumo ka jaana dikgang tse di agang morafe di buelwa kwa makgotleng.

  O ne a gakolola gore dikgotla di seka tsa dirisiwa ke baeteledipele jaaka mafelo a ipapatso ya sepolotiki, a tlatsa ka gore kgotla ke lefelo le le amogelang botlhe go se na kgethololo.

  E rile a tsibogela mafoko a ga Tautona Boko, Kgosi Malope II a itumelela gore a tsamaelana le se dikgosi di se eletsang.

  “Le rona re le dikgosi re eletsa go tswa ka methale e e ka thusang go tlamela le go aga morafe. Go botlhokwa gore morafe o tlhaloganye botlhokwa jwa magosi mo go ageng motheo wa malapa.” Kgosi Malope a re le fa go se motlhofo go emisa kgokgontsho, dikgosi le baeteledipele ba bangwe ba tlhoka go leka ka gotlhe mo ba nang le gone. “Go botlhokwa go tshwaraganela go lwantsha dikgwetlho tse di aparetseng lefatshe le go godisa itsholelo.” ENDS

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : Gaborone

Event : Bokopano le Tautona

Date : 08 Apr 2025