Kgotla ya Setswana ga e ngalwe
07 Apr 2025
Molaodi wa Kgalagadi Borwa, Rre Levis Thupa o gakolotse banni ba Bokspits go dirisa ditsela tse di maleba fa ba na le dingongora.
O buile jaana ka Labotlhano mo phuthegong ya kgotla e neng e tshwaretswe kwa Bokspits.
Rre Thupa o supile fa maikaelelo a phuthego e ne e le go tla go busetsa mowa wa kagiso le thokgamo mo motseng morago ga go lemoga fa seemo se sa iketla.
A re go supagetse fa morafe o sa itumelele ka fa Kgosi Charles Hendricks e busang ka teng e bile ba kopile gore a ithole marapo, a supa fa morafe o bile o ngadile kgotla.
Molaodi o ne a ba gakolola gore ba itse fa go na le tsamaiso le gore fa ba na le ngongora ba dirise ditsela tse di tshwanetseng.
“Kgotla ga e ngalwe ka gore ke yone lefelo la lona la bokopano, ke gone kwa puso e rerisang morafe teng, ka jalo fa lo sa tle kgotleng motse ga o kake wa nna le ditlhabololo le tsamaiso” Molaodi a tlhalosa.
Molaodi o tsweletse ka go ba tsibosa fa kgotla e le botlhokwa mo matshelong a bone ka e ba golaganya le badimo e bile e le gone kwa ba fiwang mananeo a puso teng, ka jalo go tlhoka go tla kgotleng go tlaa ba fetisa mananeo.
Rre Thupa o ne supa fa a amogetse mokwalo wa go dira dipopelelo mo motseng, mme o ne a lekodisa morafe gore mokwalo wa bone o santse o le kwa bagolwaneng ba gagwe.
O ne a ba kopa go wela dibete le go itshwara sentle fa ba santse ba letetse phetolo.
Fa a rola pego mo boemong jwa komiti ya motse ya ditlhabololo, Rre Dako Mathais o ne a supa fa morafe o sa itumelele ka fa kgosi a berekang le bone ka teng, a supa fa a seke a ba biletsa diphuthego kana go ba rerisa sepe fela ka motse wa bone.
O supile fa Kgosi Hendricks a tsaya letlhakore mo dikgannyeng tsa motse.
O tlhalositse fa morafe o sa itumelele ka fa kgang ya ga John George yo o nyeletseng e tsewang ka teng ke ba bogosi ga mmogo le ba molao.
Fa a akgwa morafe dikgaba, Kgosi Hendricks o ne a amogela matshwenyego otlhe a morafe, a supa fa phoso e dirwa ke motho e bile e baakanngwa ke motho.
Kgosi Hendricks o ne a ikopa maitshwarelo mo go tsotlhe tse a di dirileng a bo a solofetsa morafe gore o tlaa ipaakanya.
O ne a kopa morafe go boela mo kgotleng le go tsenelela diphuthego fa ba bidiwa gore ba seka ba fetwa ke mananeo le go tsweledisa ditlhabololo tsa motse.
Modulasetilo wa khansele ya Tsabong, Rre Elias Motlhanke o ne a kopa morafe le kgosi gore e nne modiga. O ne a ba rotloetsa go dirisa kgotla ya bone ka nako tsotlhe gore ba kgone go akola meamuso ya puso.
Rre Motlhanke o ne a akgola Kgosi Hendricks go bo a ipone phoso e bile a ikobile mo morafeng wa gagwe, a re go dira jalo go botlhokwa ka go tlaa busetsa kagiso mo motseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Naomi Leepile
Location : Bokspits
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Apr 2025