Bagodi ba ikaelela go itlhabolola ka P1 400
07 Apr 2025
Mo gare ga meduduetso le dikakgolo tse bagodi ba di lebisang puso ba sena go okelediwa madi go tswa mo go P830 go ya kwa go P1 400, kwa Tsabong ba ikana fa ba sena go a ja mosusumpelo
Ka nako ya ipapatso ngogola, UDC, e e busang gompieno, e ne ya solofetsa bagodi gore fa e ka tsaya puso e tlaa oketsa madi a bagodi go ya kwa go P1 800, mme ya re morago ga go lemoga fa puso e tlhaelelwa ke madi, Tautona Advocate Duma Boko a busetsa seelo sa tsholofetso fa go P1 400, mme go ne ga nna fela jalo Moranang a rogwa.
Mo mosong wa Labobedi beke e e fetileng, bagodi ba ne ba rurifatsa seo ka go letsa mogolokwane le dikoma ba supa boitumelo jo bogolo morago ga go amogela P1 400 mo posong ya Tsabong.
Mongwe wa bagodi bao, Mme Popi Khole wa dingwaga tse di masome marataro le boferabongwe o ne a seka a fitlha boitumelo jwa gagwe mme a thunya ka leboko a tla a letsa mogolokwane a galaletsa Tautona gore o diragaditse maitlamo a gagwe, a tlatsa ka go re e bile ba tlaa tswelela ba mo tshepa go ya go pele.
Mme Khole o ne a supa fa puso ka fa tlase ga khansele ya Tsabong e tsweletse ka go mo tlhokomela ka dijo tsa batlhoki le seshabo kgwedi le kgwedi mme jaanong madi a bogodi a ikaelela go ikagela ntlo ya kamore tse pedi gore le e ne a tle a tshwane le batho ba bangwe ka jaana bonno bo ofa motho seriti. Mo nakong ya gompieno o nna mo ntlung ya Setswana.
Mme Rachel Bezuidenhont yo o neng a digela dingwaga tsa gagwe tsa go amogela madi a bogodi ka Hirikgong mono ngwaga, o ne a nyenye, a supa fa a le lesego gore a bo a simolola go amogela madi a bagodi ka nako e a okeditsweng ka yone.
Mme Bezuidenhont o ne a supa fa a ikaelela go tlhabolola botshelo jwa gagwe ka madi ao jaaka go teratelela tshingwana ya merogo ka jaana e le botlhokwa mo botsogong.
Rre Rebaone Tlhomamisang, 69, Rre Kebopakgotla Motheledi, 68, Rre Gaekgwathe Sentlabane,72, botlhe e le banni ba Tsabong le bone ba ne ba akgola Tautona Boko, ba supa fa a dirile tiro e ntle e e tlaa tsisang pharologanyo le go tlhabolola matshelo a bone jaaka go tlhabolola masimo, meraka le bonno e seng go a ja mosusumpelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 07 Apr 2025