Bokopano jwa khansele bo tlaa tshwarelwa kwa metseng e mengwe
06 Apr 2025
Modulasetilo wa khansele ya Palapye, Rre Kabo Ketshogile a re khansele e tla a sekaseka gore mo mogopolong wa gagwe o a neng a o baya makhanselara pele wa go isa khansele kwa setshabeng, bokopano jwa khansele bo tla a tshwarelwa kwa metseng efe mo kgaolong ya gagwe.
O ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa mo Palapye bosheng. Maikaelelo a diphuthego tsa modulasetilo wa khansele tse a di buisitseng mo metseng yotlhe ya kgaolo ya Palapye e ne e le go ikitsise banni le gore banni ba bue dikgang tsa bone tse ba nang le tsone. A re go tla a rulaganngwa gore go iwa kwa metseng efe gore banni ba kgone go tsena bokopano jwa khansele, ba bone selebego sa yone ba bo ba utlwe gore go buiwa eng kwa bokopanong jwa khansele.
Rre Ketshogile o ne a itsise banni ka ditsamaiso tsa khansele a ba a ba gakolola gore ba na le tshwanelo ya go tsena khansele fa bokopano jwa yone bo tsena go utlwa tse di diragalang kwa khanseleng. A re banni ba Palapye ba na le sebaka se se ntsi sa go tsena khansele ka ba na le khansele mo motseng wa bone.
O ne a itsise banni gape gore khansele e tsere tshwetso ya gore modulasetilo wa khansele a nne le letlole la ofisi ya gagwe le madi a lone a tlaa thusang mo ditirong tse di farologaneng tsa ditlhabololo. A re mogopolo oo, o ne a o baya makhanselara pele mme wa dumalanwa mme a re madi a letlole leo a tlaabo a thusa mo ditlhabololong dingwe tsa metse.
Rre Ketshogile o ne gape a gakolola dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go tswa mo segologolong sa gore tiro ya bone e nne go hirisa matlo mme ba dire tse di ka dirang madi di tshwana le kgwebo go thusa motse go tlhabologa. Gape a re ditiro tse di tshwanang le go baakanya mabati a dikole di ka dirwa ke komiti ya ditlhabololo tsa motse go thusa khansele kana puso. A re tiro ya gagwe e le modulasetilo wa khansele le makhasenlara ke go rurifatsa gore mananeo a a ntshiwang ke puso a a dirafadiwa le gore a Batswana ba fiwa dithuso sentle.
Mothusa molaodi wa kgaolo ya Palapye, Rre Kabelo Tshekiso o ne a supa fa go na le lenaneo la Re A Nyalana le bangwe kwa metseng e mengwe ba le akotseng. A re kwa mafelong a mangwe, bangwe ga ba le amogele fa bangwe ba sotla ba bangwe ba re ke lenyalo la ga mmaboipelego ntswa e le lenyalo le le tshwanang le lenyalo lengwe le lengwe.
Rre Tshekiso a re batho fa ba nyalane ka Re A Nyalana, setlankana sa lenyalo se tshwana fela le sa ba ba sa nyalanang ka lenaneo le. A re batho ba le bantsi ba nna mmogo ba sa nyalana mme ba kgobokanya dithoto, mme fa yo mongwe a tlhokafala, go nna le kgotlhang e e felelang e ya kwa go kgosi.
O ne a ba rotloetsa gore ba gololesege mme ba ba batlang go nyalana ka lenaneo le, ba ikwadise ba nyadisiwe. A re kwa mafelong mangwe a kgaolo ya Palapye, ba setse ba ithulagantse e bile ba emetse molaodi gore a ba nyadise.
O ne a ba itsise gape ka thulaganyo ya go isa ditlamelo kwa setshabeng e ba isetsang banni ditlamelo gore ba kgone go di fitlhelela e bile ba itse ka mananeo a a farologaneng a a leng teng mo pusong. A re go tla a dirwa dithulaganyo tsa gore le mo motseng wa Palapye, ba atumeletswe ditlamelo gore ba itse ka mananeo a a leng teng.
Banni kwa phuthegong eo ba ne ba ngongorega ka dikgwa tse di leng teng mo mafelong a Extension 6 le 11, tse ba supileng fa di oka dirukutlhi le bone batho ba ba latlhelang matlakala mo go tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Apr 2025