Breaking News

Ba tsweletse ka go bapala surunamune

06 Apr 2025

Mogolwane kwa Selebi Phikwe Citrus, Rre Johan Janse van Vuuren o supile fa go kgaoga ga motlakase kgapetsa kgapetsa bosheng go sa babalela tiro ya go bapalwa ga maungo a sika-loo namune gone mo tshimong eo.

A re go bapalwa ga disurunamune go simolotswe kgwedi eno e rogwa mme tsotlhe di apere tshiamo. O tlhalositse fa go dirisiwa diatla fela ntle le motshine go ka bapala maungo ao. A re go bapala maungo ka diatla go ba fa sebaka sa go tlhopha maungo a boleng jo bo kgatlhisang, mme a a iseng a wele go butswa a tlogelwa mo setlhareng go fitlhela a nna mo seemong se se siameng.

O supile fa tiriso ya motlakase e tlhokega thata fa go pakiwa maungo go ya ka boleng jwa one, le fa go ntse jalo a re ba itemogetse fa go le botlhokwa go loga maano a go tila go babalelwa ke kgaogo ya motlakase ka nako ya go paka maungo. Ka jalo, a re ba malala a laotswe go tsenya sefetlha motlakase (generator) go thusa ka nako ya go tlhaola le go paka maungo.

Go sale foo, o ile a supa fa thobo ya ngwaga o, e nametsa go gaisa ya ngwaga o fitileng, a re fa tsotlhe di apere tshiamo, ba solofetse bokete jwa thobo ya 20 000 tonnes, sengwe se a tlhalosang fa e le kgolo ka jaana thobo ya ngwaga o o fitileng ene e le 5 000 tonnes. A re thobo ya ngwaga ono le yone e bone mmaraka kwa mafatsheng a sele a akaretsa a Europa, America le a mangwe fela jalo.

A re se se supa fa maungo a a tswang kwa tshimong eo e le a boleng jo bo kgatlhisang, e bile seo se tla tswelela se baya lefatshe leno mo mmepeng ka tsa merero ya temo ya sika loo namune. A re go bapalwa ga maungo go tlaa tswelela go fitlhela kgwedi ya Lwetse ngwaga ono, mme mo lobakeng lo lo sa fediseng pelo go tla simololwa go bapalwa dinamune.

O boletse gore ntswa tshimo e tsweletse ka go gola, dikgwetlho di akaretsa diji ga di ba robatse, le fa go ntse jalo a re ba dira ka bojotlhe go itepatepanya le diemo tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Selebi Phikwe

Event : Puisano

Date : 06 Apr 2025