Breaking News

Ipelegeng e direlwa go ipelega eseng tiro

03 Apr 2025

Lenaneo la Ipelegeng le direlwa go nonotsha Batswana go tsenya mowa mo nameng go itirela ditlhabololo mo dikgaolong tsa bone ba sa leba puso go dira tsotlhe. 

Lenaneo leo lele mo ditshekatshekong le irelwa batho go ithusa ka tse ba di tlhokang mo dikgaolong tsa bone jaaka go sena ditiro le madi a puso a tlhaela mme ba atswiwa ka sengwe gore ba tlhagafale. Go buile jalo mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi yo o neng a buisa phuthego ya kgotla ko merakeng ya Mooko bosheng. 

Rre Lesedi o ne a ba itekodisa ebile a ba lebogela tlhopho ya bone go mmusetsa mo bopalamenteng lekgetho la bobedi, mme a kopa kemo nokeng ya bone gore ditlhabololo di diragale bogolo jang ka lenaneo la Ipelegeng lele thusang thata kwa masimo le merakeng.  A re ba tshwanetse ba dirisa Ipelegeng go dira ditsela tse di yang kwa masimo le meraka ka gore ke gone kwa dijo di tswang teng. 

“Mokoduo go tsoswa oo itekang gore puso le yone e bone fa batho ba tlhoafetse gore yone e latlhela seabe sa yone go ba nonotsha,” a tlhalosa.

A re fa motho o mo belega a bo a goga dinao go nna bokete thata, ka jalo ba tshwanetse go seka ba itsemeletsa ba re puso e teng mme dilo ele tsa bone. Rre Lesedi o tlhalositse fa go betla ditsela tse di yang Mooko di tshwanetse tsa dirwa ka boithaopo ka gore go emela mananeo mangwe a puso go ka ba diela nako, ba ikgothatse ba eme ka dinao ele balemi barui ba thota eo. 

O ba solofediste gore o tla ba ema nokeng fa le bone ba nna majato go ipelega eseng go baya mo pusong fela. A re o tla thusa go baakanya ntlo e e mo kgaolong ya bone e ba tlholwang ke dingaka teng (Mobile stop) ka malatsi aa farologanyeng mme go ntse go emisitswe ka gore lefelo lene le senyegile. O ba kgothaditse go tsenelela diphuthego tsa dikgotla gore ba utlwe ka mananeo a puso sentle. 

Fa ba mo mokgwa dikgaba banni ba kopile gore ba thusiwe thata kwa letamong la bone la Mooko lele tshwarang metsi lobaka ebile le phailelwa. 

O ne gape a ba tlhalosetsa ka maikaelelo a puso go okeletsa bagodi madi le gore dikokelwana jaanong di boela ko lephateng la dikgaolo jaaka pele. 

Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Mosinyi Mosenyi o boletse fa letamo le tlhatsetsa mo molapong mme go oka dikgomo tsa beng le matimela go tlala ko letamong leo.  Are lebota le tshwanetse la thatafadiwa gore letamo le seka la thubega. o boletse fa ba tlhaelelwa ke terata ya go feleletsa go agelela letamo mo go ba jesetsang mo kgobedung ka gore bangwe barui ba nosa ese ka fa tumalanong le komiti ebile leruo la matimela le a tshwenya thata le a ba senyetsa. Le ene fela jaaka barui ba bangwe o kopile puso go ba thusa go gopa ditsela tsedi yang ko merakeng le masimo le go dira metshelakgabo mo ditseleng. 

Leloko le lengwe la komiti, Rre Oaitsi Maphakela, o boletse fa ba tshwenngwa thata ke bogodu ja leruo mme ele batho baba itsiweng mme fa ba begela mapodisi ba satswe ka sepe. O tlhalositse gape fa ba tshwenngwa ke matimela aa senyang mo letamong la bone ebile a ngoka magodu. O boletse fa ba batla ditsela di bulega gore ba botsogo ba kgone go ba tlhola nako tsotlhe le bone ba mapodise. 

Mogolwane wa mapodisi, Assistant Superintendent Eric Dambe o rotloeditse barui ba Mooko go nna seopo sengwe go lwantsha dirukutlhi tsedi ba amogang leruo. O ba kgothaditse go dira dikomiti tsa ntebela ke go lebele, ba emane nokeng mo go lwantsheng borukutlhi ja leruo jo bo ba apesitseng kobo ka letshoba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Mooko

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Apr 2025