Bagodi ba itumeletse koketso ya madi
03 Apr 2025
Go boitumelo mo bagoding ba lefatshe leno ka puso e diragaditse tsholofetso e e neng ya e dira pele ga ditlhopho tsa setshaba ngogola, go oketsa dituelo tsa bone go tswa kwa go P830 go nna P1 400 ka kgwedi.
Ba ba setseng ba bone dituelo ba supa se e le sesupo sa gore puso e kgathala ka matshelo a bone. Koketso e, e simolotse kgwedi eno fela jaaka go ne go tlhalositswe.
BOPA e ne ya buisana le bangwe ba ba neng ba ile go tsaya dituelo tsa bone kwa posong ya Pota kwa Palapye ka diphetogo tse. Rre Richard Sentle a re ga baaka ba fela pelo ka ba ne ba tlhaloseditswe gore lefatshe ga lena madi. A re ba tlhaloganya gore e tlaare kwa dilo di siamang teng, ba okelediwe gape gore madi e nne P1 800 jaana fa go ne go solofeditswe.
Rre Lebopo Malema o supile fa madi a, a tlaa dira pharologanyo mo matshelong a bone ka ba tlaa kgona go ituelelela metsi le motlakase, go reka dijo gammogo le go ipolokela madi a phitlho (funeral cover). A re P830 yo ba neng ba mo amogela, o ne a sa lekana mme ebile ba dumela fa puso e tlaa oketsa mo isagong.
Mme Keatlaretse Ramathomane a re o sa le a nametsega fela ka nako e puso e neng ya solofetsa go ba okeletsa dituelo mme o ntse a letile a sa fele pelo. A re o na le tshepho ya gore ba tlaa goroga kwa go P1 800 yo ba mo solofetditsweng.
Le fa gone bagodi ba itumeletse go okelediwa madi, ba kopile gore go tokofadiwe maranyane, go itsa gore ba nne mo meleng lobaka mo bangwe ba ka feletsang ba itlhoboga ba boela malwapeng ba sa amogela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Puisano
Date : 03 Apr 2025