Breaking News

Jwaneng o tlhoka sekole se segolwane

02 Apr 2025

Modulasetilo wa dikomiti tsa ditlhabololo tsa Jwaneng, Rre Solomon Monakwane o kopile puso gore e age sekole se segolwane kwa toropong eo go itsa gore bana ba latele thuto kgakala.

E rile a ntsha tekodiso ya morafe kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Advocate Duma Boko maabane, Rre Monakwane a tlhalosa gore bana fa ba fetsa kwa dikoleng tse di fa gare, ba patelesega go ya go tsena sekole kwa dikgaolong tse di kgakala le batsadi ba bone. 

Modulasetilo o ne gape a supa fa go le mosuke kwa dikoleng tse di fa gare, a re dikole tseo ka bobedi di felela di tsaya bana ba ba fetileng palo le ditlamelo. A re  dikago tsa dikole tseo le tsone di dikgologolo. O boletse fa mabala a metshameko le matlo a boapeelo a onetse, ka jalo go kgoreletsa dithulaganyo tsa metshameko kwa dikoleng.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Monakwane o ikuetse ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa matlo a phiriso kwa  Jwaneng.  A re seo se dirile gore batho ba  batle boroko kwa Sese, mme ba babalelwa ke go pagama malatsi otlhe ba ya meberekong. O ne a kopa gore puso e fefose kabo ya ditsha gore seemo sa boroko se tokafale.  

A re go na le setsha sa madirelo, mme sebe sa phiri ke go tlhoka ditlamelo gore go tlhabololwe. Modulasetilo a re lefelo leo fa le ka tlhabololwa le ka thusa go tswakanya itsholelo ya toropo eo gore e seka ya ikaega ka moepo o le nosi. 

Mo godimo ga moo, modulasetilo o ne a kopa puso gore e sekasekele maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse le babereki ba Ipelegeng fa go na le diphatlha tsa mebereko mo makalaneng a puso.

“Ba supile boithaopo, ba supile go dira tiro ka botswapelo, fa lo lebelela bontle jwa toropo e ke bone ba bo dirileng. Kopo ya me ke gore ba sekasekelwe gore fa go na le diphatlha tsa ditiro go lebiwe bone,” a tlhalosa.

Le fa go ntse jalo, Rre Monakwane o ne a lebogela maitlamo le mananeo a puso e ntsha, a supa fa morafe wa Jwaneng o itumeletse dingwe di tshwana le kokeletso ya madi a bagodi, go phimolwa ga dikoloto tsa Chema Chema le go fokolediwa ditlhwatlhwa tsa metsi, gareng ga tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Apr 2025