Breaking News

Tsela ya Sedudu - Ngoma e buletswe motsamao bosigo le motshegare

02 Apr 2025

Tsela ya Sedudu-Ngoma e e ralalang Chobe National Park e buletswe motsamao wa batho bosigo le motshegare go ya go ileng.

Go ya ka molao wa Tshomarelo Diphologolo le Makgabisa Naga (Wildlife conservation and National Parks Act), go tswa Goo- Lowe dikgoro tse di ne di bulwa maphakela ka nako ya borataro mme di tswalwe metsotso e le masome mararo morago ga nako ya borataro mo maitseboeng, fa nako dingwe e bulwa ka nako ya masome mararo morago ga nako ya botlhano e bo e tswalwa ka nako ya bosupa.

Fa a simolodisa motsamao wa tsela eo go sena dikganedi ka Labobedi, Tona wa Lephata la Tikologo le Bojanala, Rre Wynter Mmolotsi o tlhalositse fa tshwetso ya go bula tsela eo e tsile morago ga dipuisano le morafe wa Chobe o neng wa ikuela mo go goromente go bula tsela e. A re Tautona Duma Boko o tsare tshwetso go neela Batswana mo Chobe kgololesego e ba sa bolong go e kopa dingwagangwaga gore ba akole kgololesego le go godisa itsholelo ya bone ya bojanala. 

Tona o ne a re go tsamaya ka kgololesego nako nngwe le nngwe e motho a e batlang ele tshwanelo ya Motswana ka jalo go ne go sena lebaka gore banni ba Chobe ke eng ba tshwanetse go tingwa tshwanelo e.

Le fa go ntse jalo, tona o tlhalositse fa phetogo e ya go bula tsela bosigo le motshegare go nale melawana go tlhomamisa gore diphologolo tse Chobe National Park eleng legae la tsone ga di kgorelediwe ebile ga di tsengwe mo diphatseng. A re badirisi ba tsela e, ba tla dirisa yone tsela e ya dikhilomethara di le masome a marataro fela eseng go fapoga mo tseleng a tlatsa ka gore ope ga a letlelelwe go tswa mo koloing mo teng ga park go fitlhela a tswa ka kgoro ya park.

Rre Mmolotsi o buile fa ba lephata la tshomarelo diphologolo le makgabisa naga ba tla tswelela ba kwadisa botlhe ba ba tsenang mo Chobe National Park ka jalo ba ba kgatlhanong le se ba tla atlholwa. O kopile badirisi ba tsela e go kgweetsa ka kelotlhoko le ka boikarabelo ka go bo Chobe National Park e nale ditlou tse dintsi thata le diphologolo tse dingwe ka go farologana.

O tlhalositse fa badiredi botlhe ba Lephata la Tlhokomelo ya diphologolo le makgabisa naga batla fiwa paka e ncha e ntseng e aparwa ke lephata le le lwantshang bogodu jwa diphologo ba le nosi. A re badiri ba tla busetswa ditlhobolo le difofane tse ba di amogilweng ka ngwaga wa 2018 se e le go tlhomamisa gore ba dira tiro ya bone ka botswapelo.

Modulasetilo wa Khansele ya Chobe le Kgosi Gwara Mwezi wa Mabele ba ne ba kopa banni ba Chobe ka e le bone badirisi ba tsela, go sala molao morago ka go kgweetsa ka kelotlhoko.

Ba ne ba tlhalosa fa itsholelo ya kgaolo ya Chobe e tla gola ka go bo ditlhabololo tsotlhe di ntse di le mo Kasane ka ntlha ya gore batho ba ne ba nyemisiwa moko ke go dira ditlhabololo le dikgwebo kwa Chobe Enclave ka ntlha ya go tswalwa ga dikgoro tsa Sedudu le Ngoma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Kasane

Event : Tshimolodiso semmuso

Date : 02 Apr 2025