Breaking News

Ipelegeng e tlaa tlhabololwa - Boko

02 Apr 2025

 Tautona Advocate Duma Boko o boleletse banni ba Jwaneng gore puso e mo thulaganyong ya go tlhabolola lenaneo la Ipelegeng

Se se tla morago ga gore mongwe wa banni ba kgaolo eo a kope puso gore e neele babereki ba lenaneo leo diaparo tsa itshireletso. Tautona Boko a re maikaelelo ke gore babereki bao ba felele ba kgona go dira ditiro tsa go baakanya dikago tsa puso di tshwana le dikole le dikokelo. O supile fa kgato eo e tlaa thusa go ba ruta tiro le gone go fokotsa letlhoko la ditiro.

E ne e rile gole pele fa a amogela baeng, Kgosi Segale Letshele a supa fa Jwaneng a gola ka bonya mme lefatshe le le teng. O supile gape gore ditagi le diritibatsi di dintsi mme di senya bokamoso jwa  banana, a kopa gore seemo seo se tshwanetse go tsibogelwa.

Fa a tsibogela matshwenyego a banni, Tautona Advocate Duma Boko o supile fa puso  e ikaegile thata ka go tlotla ditshwanelo tsa setho. A re ditshwanelo tseo di akaretsa go nna le bonno jo bo siameng le go bereka.

Tautona o supile fa ba santse ba le mo maikaelelong a go netefatsa gore ditsholofetso tsotlhe tse ba di beileng setshaba pele di a diragala. A re le fa go ntse jalo, tse dingwe di tlaa tsaya nako ka gore go botlhokwa gore go nne le morero pele ga dika diragadiwa.

Banni ba ne ba ngongorega ka bogodu jwa leruo mme ba supa fa gole botlhokwa gore molao o fetolwe gore batswa setlhabelo ba atswiwe ka sengwe fa leruo la bone le bolailwe ke magodu.

Rre Boko o supile fa puso ele mo dipuisanyong le babeeletsi gore batle go tlhama ditiro mo lefatsheng leno. Tautona Advocate Boko o ne a abela bana ba dikole tse di potlana di 'toy' gore di dirisiwe kwa dikolong.

Mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng/Mabutsane Rre Omphemetse Kwapa o kopile ba moepo wa Jwaneng go atolosetsa dithuso tsa bone kwa metseng e e dikologileng Jwaneng jaaka ya Kaduwe le Itholoke. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Jwaneng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Apr 2025