Malwetsi a a sa tshelanweng a gaketse
01 Apr 2025
Batho ba le botlhano mo lesomeng ba bolawa ke malwetsi a a sa tshelanweng a tshwana bolwetsi jwa madi a matona, sukiri le kankere.
Se se builwe ke motlhatlhelela dithuto wa sekole se segolwane sa ithutelo ditirelo tsa botsogo sa Boitekanelo College Dr Justus Mackenzie ka Matlhatso kwa Molepolole ka letsatsi le le neng le rulagantswe ke ofisi ya Mopalamente wa Molepolole Bokone Rre Arafat Khan go atametsa ditirelo tsa botsogo kwa bathong.
Dr Mackenzie o tlhalositse gore seabe sa bone e ne e le go tlhatlhobela batho malwetsi a a sa tshelanweng ka go farologana ka jaana batho ba kgona go tshela ba na le makoa a, mme ba sa itse. A re fa ba tsweletse le tlhatlhobo ba fitlhetse batho ba le bantsi ba na le blood pressure e e kwa godimo mme ba ne ba sa itse mo ba feletseng ba ba isa kwa go ba lephata la botsogo gore ba tsenngwe mo kalafing.
A re bangwe ba tshwerwe ka bolwetsi jwa sukiri mme a tlhalosa gore bolwetsi jo bo tsamaisana le bolwetsi jwa madi a matona mme fa motho a sa itlhatlhobele malwetsi a go sale nako, a kgona go felela a bolaya diphilo mme e re fa a setse a tla go tshwarwa go fitlhelwe a amile thata dingwe dikarolo tsa mmele di tshwana le tsone diphilo mme se se dire gore motho jaanong a nne le makoa a le mantsi mo mmeleng.
Dr Mackenzie o tlhalositse botlhokwa jwa go itlhatlhobela malwetsi a go sale nako a supa gore fa motho a tshwerwe ka malwetsi a go na le nako o kgona go thusiwa ke ba bongaka gore o ka ja eng a seka a ja eng, a itshidile mmele jang le gore o ka itlhokomela jang mme se se thuse gore motho a seka a fiwa melemo kgotsa dipilisi go thusa go lelefatsa botshelo jwa motho.
A re fa motho a setse a tshwerwe ka malwetsi a mme e bile go fitlhelwa a amile dikarolo dingwe mo mmeleng, dipilisi di kgona go babalela diphilo mme se dire gore mmele o koafale le go feta e bile seemo sa botsogo jwa motho se wele ko tlase.
Le fa go ntse jalo Dr Mackenzie o ne a tlhalosa fa a itumeletse tshologelo ya batho ba ba neng ba tlile go itlhatlhobela malwetsi a re seo se ba thusitse gore baithuthuntshi ba sekole sa bone ba kgone go ithuta go dira le balwetsi le gore molwetsi o buisiwa jang, o tshwarwa jang ka e le nngwe ya maikaelelo a bone gore gangwe le gape barutwana ba bone ba kgone go diragatsa se ba se rutiwang kwa sekoleng mo ditirong tsa mofuta o.
Mongwe wa bagodi ba ba neng ba tlile go itlhatlhobela malwetsi rre Mokgweetsi Raseatla a re e ne ya re a sena go utlwa taletso ya ga mokhansela a ikitaya ka thupana go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana ka gore botsogo bo tla pele mme e bile tshireletso malwetsi le go itse seemo sa botsogo go le botlhokwa thata gona le gore motho a itse seemo sa gagwe a setse a wetse fa fatshe.
Fa a tshwaela mo go reng go le gantsi borre ba maoto a tshupa go ya sepateleng o supile fa borre ba sa tshabe sepatela lebaka legolo ke gore borre ba lapa pelo ka gore ga ba batle go bota-bota kwa sepateleng ba sa bone dithuso ka nako.
Mongwe wa banana baba neng ba ile go itlhatlhobela malwetsi mme Kutlo Seane yo o dingwaga di lesome le boferabobedi a re se se mo gwetlhileng go ya go itlhatlhobela malwetsi ke gore batho ba a lwala mme e bile batho mo malatsing ano ba tlhokafala ka dipalo tse di kwa godimo bangwe ba bone e le banana ba ba tlhokafalang ba ne ba tsamaya ka makoa ba sa itse.
Se sa dira gore le ene a batle go ya go itlhatlhoba ka gore o kgona go ipona o itekanetse mo mmeleng mme gongwe o na le malwetsi. Lebaka le lengwe a re ke gore fa gongwe kwa dikokelong o kgona go fitlhela go sena ditlamelo tse dingwe mme a bona go le botoka go tla go itlhatlhobela malwetsi ka bontsi golo go le gongwefela.
Mme Seane o rotloeditse banana ka ene ka botlhokwa jwa go itse seemo sa bone sa botsogo ka gore go le gantsi banana ba tshaba maduo mme a gatelela gore go itlhatlhobela malwetsi go mosola ka gore fa o amogela maduo nako e sale teng o kgona go bona dithuso tsa bongaka ka potlako le dikgakololo gore botshelo bo lelefale.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa khansele ya Kweneng rre Ontefetse Rankhibidu o tlhalositse gore maikaelelo magolo a letsatsi e ne e le go atameletsa batho ditirelo tsa botsogo ka go farologana gore ba ba sa kgoneng go bona ditlamelo tsa botsogo ba di bone gaufi le bone. A re bontsi jwa batho ba ba neng ba tshologetse ditirelo tseo bo supa fa ba ne ba nyoretswe ditlamelo tsa go nna jalo.
A re lebaka le lengwe ke gore mopalamente wa kgaolo o lemogile fa dikokelo le dikokelwana tse di leng teng mo Molepolole di sa kgone go tlamela batho botlhe mme e bile le tsone di tlhaela ka dingwe ditlamelo. A re go ya pele ba tlaa leka go nna ba atametsa ditirelo tse kwa bathong go ba kgaolela mosepele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 01 Apr 2025